Ghanzi a amogela letsholo la Monna Tia
04 Aug 2019
Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o kgothaditse banni ba Ghanzi go ema kgatlhanong le kgokgontsho.
Fa a rola semmuso letsholo la Monna tia kwa Ghanzi bosheng, Rre Ngaka o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga dipalo tsa kgokgontsho ntswa maiteko a go e lwantsha a le teng.
O ne a kgothatsa borre le bomme go tlotlana ka nako tsotlhe go fedisa seemo se.
O ne gape a gwetlha borre go bua le bana ba basimane ka dikgang tse di ba amang.
“Fa e sale bogwera bo ema, bana ba basimane ga ba rutiwe ka dikgang kgotsa ga ba bone dikgakololo tse di amang borre. Go bua le ngwana wa mosimane ka dikgang tsa borre go ka mo kgapha mo ditirong tse di sa siamang. Bana ba ba tshwanetse go gola ba itse go ikopa maitshwarelo,” Tona Ngaka a tlhalosa.
O ne a kopa borre go ikamanya le ditiro tse di mosola eseng go kgokgontsha bomme.
Tona o ne a lebogela maiteko a bobega dikgang go gasa molaetsa ka ntwa kgatlhanong le kgokgontsho.
Rre Ngaka a re morafe o tshwanetse go nna le seabe go lwantsha kgokgontsho ka e ama maduo kwa dtirong le botsogo jwa yo o kgokgontshiwang, a tlatsa ka gore e ka ama le yone itsholelo ya lefatshe tota.
A re dipatlisiso di supa fa motho yo o goletseng mo kgokgontshong a ka tshabelewa ke go kgokgontsha ba bangwe kgotsa go kgokgontshiwa.
O ne a tlatsa ka gore malwetse a go gatelelwe ke maikutlo le a thaloganyo a ka bakiwa ke kgokgontsho.
Moeteledipele wa legotla la borre la Men and Boys for Gender Equality, Rre Desmond Lunga a re letsholo la Monna tia le rotloetsa borre go gakololana go ikgapha mo ditirong tsa kgokgontsho.
A re nako e tsile ya gore borre ba simolole go kgalemelana fa ba bona ba bangwe ba sa dire sentle, a tlhosa fa go dira jalo go ka dibela leina la ga rre gore le seka la gogiwa mo seretseng.
A re dipatlisiso di supile fa go le thata gore batho ba emise kgokgontsho fa ba sa bone bogakolodi jo bo rileng kgotsa tshidilo maikutlo.
Ka jalo o ne a kopa ba ba amilweng ke seemo se go kopa thuso go sidilwa maikutlo.
Rre Lunga a re mananeo a tshwana le He for She le #Eseng mo ngwaneng a tshwana fela le la Monna tia ka a otlhe a itebagantse le go lwantsha kgokgontsho.
Leloko la mokgatlho wa He for she, Mme Lydia Mafhoko-Ditsa a re bomme le borre ba tshwanetse go tshedisana sentle le gone go tshwaraganela kgodiso ya bana.
O ne a supa fa mo nakong eno ngwawa wa mosetsana a sa sireletsega ka jaana ba dirisiwa botlhaswa ke borre ba batona.
Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o ne a tlhalosa fa letsholo la Monna tia le gwetlha borre gore ba tie mo maikutlong go ikgapha mo kgokgontshong.
A re ntswa borre ba tlwaelesegile ka kgokgontsho, bomme bangwe le bone ba kgokgontsha borre bogolo jang ka dipuo tse di gogomosang maikutlo.
Ka jalo o ne a gwetha bomme go leka ka bojotlhe go sa kgobera borre maikutlo gore go rene thitibalo le kagiso mo malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Pulo Semmuso
Date : 04 Aug 2019