Mokhanselara o kgothatsa morafe go ikemela ka dinao
01 Aug 2019
Boetelepele jwa kgaolo ya Kweneng bo gwetlhilwe go tsaya boikarabelo go rotloetsa morafe go nosetsa mowa wa go itirela.
E rile a akgela mo mafokong a ga Rre Botokanyana Motoroko a pulo ya khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, mokhanselara wa kgaolwana ya Boribamo Bophirima, Rre Moses Mmualefhe, a kgothatsa boeteledipele go godisa boipelego.
“Ke fela fa thuto e ka tlhwaafalelwa, batho ba ka fokotsa go ikaega ka mananeo a dithuso, mme ba rotloetsege go itirela ka go itse fa “lerotse la makopo le sena kgodu”, ga gakolola Mokhanselara Mmualefhe.
A re fa thulaganyo e e sa tlhagafalelwe, puso e ya go tswelela e imelwa le go palelwa ke ditiro tsa ditlhabololo ka jaana bogolo jwa madi bo dirisiwa go tlamela batho ka dinako tsotlhe go sena go iteka.
Mafoko ao a ne a gatelelwa gape ke mokhanselara wa Kopong Botlhaba, Rre Patrick Gabanamotse, ka go supa fa mowa wa go ikaega ka mananeo a puso o ile magoletsa.
A re Batswana ga ba iteke go tlhofofaletsa puso go itebaganya le dikgang tse dingwe tse di amang tlhabololo matshelo a batho.
Mokhanselara, a re mokgwa oo, o tshwanela go kgalengwa mme batho ba itse fa e le boikarabelo jwa bone go emela ka dinao matshelo a malwapa a bone.
O tlhalositse fa lenaneo le tshwana la temo la ISPAAD le sa ntshe maduo ka jaana balemi ba inaakantse thata le mananeo a senang dipoelo tsedi kalo jaaka Ipelegeng.
Mokhanselara o tsweletse ka go kopa gore thulaganyo ya go tsaya lefatshe ga makgotla a kabo ditsha mo kgaolong ya Mokwena go dirwe ka go tshwana, go re beng ba masimo ba rotloetsege go neela puso lefatshe go fokotsa melatsa ya kabo ditsha.
O ne a buwa jalo ka go supa fa a tshwenngwa ke gore kgaolo ya Mogoditshane e diretswe thulaganyo e faphegileng ya go abela beng ba masimo ditsha fa ba tseelwa masimo, fa dikgaolo tse dingwe ele go neelwa phimolo dikeledi, seemo se areng se tla dira kgang bokete fa thulaganyo e sa dirwe ka tekatekanyo.
Mokhanseelara wa kgaolwana ya Loolologa, Rre Mookami Mantimane, ene o ntshitse tlhobaelo ya gore komiti ya kgaolwana eo ya ditlhabololo tsa motse e inaakantse le dikgang tsa sepolitiki, ntlha e areng e ama neelano le tsamaiso ya go tlhabolola kgaolo.
Mokhanselara wa Hatsalatladi/Mogonono, Rre Kolana Kolana, o ngongoregetse dikoketso tsa dituelo tsa matlo a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse.
A re di kwa godimo thata go feta tsa matlo a badiri ba khansele.
Mokwaledi wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane, a re e re le ntswa ntswa ba ise ba lekodisiwe ka dikoketso tseo, go botlhokwa go lemoga fa thulaganyo ya go godisa dithwatlhwa tsa matlo ao di sa patike go tsamaelana le tsa badiri ba khansele, ba bone ba tlhofofaletswang dituelo ke mohiri mme VDC yone e ka oketsa go ya ka ditlhwatlhwa tsa mmaraka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Pulo ya khansele potlana
Date : 01 Aug 2019