Banana ba kopiwa go ithotloetsa
01 Aug 2019
Banana ba Maboane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.
E rile a amogela baeng mo phuthegong ya banana kwa Maboane bosheng, Kgosi Kaisara Phuthego a supa fa banana ba motse wa gagwe ba sena kgatlhego ya go tsaya mananeo, a kaya fa a sa dumele gore ba a palelwa mme e le boitseme jwa bone fela.
O tlhalositse gore fa banana ba ka nna jaaka a ba bona, ba tlaa salela ruri kwa morago ba sa tlhabologe. O ba kopile go dirisa sebaka se ba se filweng ke puso go itlhabolola.
Kgosi Phuthego o ne gape a gakolola banana go ikgapa mo nnotaging ka e ka kopakopanya matshelo a bone.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa Debswana, Rre Patrick Mokwele, o ne a supa fa khamphane ya bone e tshwaraganye le makalana a mangwe go l tokafatsa matshelo a banana.
O kopile banana go nna le tlhaloganyo ya bogwebi le gone go tlatsa dipampiri tsa ikopelo madi mme ba di busetse kwa ofising tsa puso go sekasekwa.
Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Kaudwane, Rre Walter Desai, o ne a supa fa e le nnete banana ba Maboane ba sa kgatlhegele go kopa thuso ya mananeo.
Rre Desai o supile fa ba thusa banana ba ba dingwaga tse di masome a mararo le botlhano go ya kwa tlase ka P100 000.
O tlhalositse fa P50 000 yo mongwe a adimiwa monana mme a tshwanelwa ke go mmusa.
O tlhalositse fa kgaolo nngwe le nngwe e fiwa P2 million.
A re fa ba file monana dikgomo ba mo fa lebaka la dingwaga tse tharo gore dikgomo di atle pele fa a ka simololola go busa madi.
O kaile fa dipodi tsone monana a fiwa lebaka la ngwaga tse lesome le borobabobedi a bo a busa madi. Le fa go ntse jalo, Rre Desai o tlhalositse fa dithoto tseo e se tsa monana go fitlhela a fetsa go ba duela mme a supa fa lephata le duela modisa, metsi, mookamedi le go reka dijo tsa leruo lebaka la ngwaga.
E rile ba tswa la bone, banana ba supa fa ba kgatlhegela leruo ka e le lone le ka dirang sentle kwakgaolong ya bone.
Ba re mathata ke gore didiba tse di ba dikologileng e le tsa masimo. Ba supile gape gore nako e ba e beelwang go tlatsa difomo e khutshwane.
Le fa go ntse jalo Rre Desai o ne a ba gakolola gore difomo ke tsone tse ba neng ba di dirisa ngogola,a supa fa ba tlhoka go ipaakanya ba kope thuso mo go ba ba kgonneng le gone go ithuta gore ba tladitse fomo ba reng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Maboane
Event : Phuthego ya banana
Date : 01 Aug 2019