Breaking News

Sepodisi se godisa ofisi ya Kopong

01 Aug 2019

Banni ba Kopong kwa kgaolong ya Kweneng ba boleletswe fa ofisi ya sepodisi kwa motseng oo e godisitswe, mme jaanong e tlaa okamelwa ke lepodisi la maemo a Assistant Superintendent go tswa kwa go a Sergent.

E rile a rola mookamela ofisi eo semmuso, Kgosi Michael Molefhe wa Kopong a re go botlhokwa gore banni ba  lekodisiwe ka diphetogo tse di diragalang  go rotloetsa mowa wa tirisano mmogo.

O ne a lebogela puso go godisa bodiredi jwa sepodisi kwa motseng oo a re

Kgosi Molefhe o ne a kopa banni go dirisana sentle le mapodisi le go ithuta ditsamaiso tsa sone gammogo le methale e mesha ya go lwantsha borukhutlhi.

O ne a supa fa ba sa bone boroko ka  jaana kgolo ya motse e baka ntsifalo ya mefuta ya borukhutlhi.

O supile fa Kopong a gola mme le borukutlhi bo golela pela, ke ka moo puso e boneng go le  maleba gore le ofisi ya sepodisi e gole.

E rile a ntsha la gagwe, Assistant Superintendent Michael Mosothwane  a kopa banni go dirisana le mapodisi ka jaana ofisi ya gagwe e buletswe  setshaba.

Asst Supt Mosothwane  o ne a tlhalosa fa a setse a kopane le baeteledipele ba motse.

A re o ne a bona go tlhokafala go kopana le bone go sekaseka seemo sa borukhutlhi, mme a lemoga fa seemo sa borukutlhi se sa jese di welang.

Asst Supt Mosothwane le baeteledipele ba motse oo, ba ikaeletse go tlhama dikomiti  tsa twantsho  borukhutlhi mo dikgotlaneng ka bongwe ka bongwe.

A re o ikaelela go  tswelela a rerisana le banni le go ba rutuntsha ka methale e e farologaneng ya go lwantsha borukhutlhi le go rutuntsha bagwebi go sireletsa dikgwebo tsa bone.

O tlhalositse fa borukhutlhi bo le mefuta mentsi,  ka jalo go le botlhokwa go dirisana le banni ka ba tsile go tlhoka thuso ya bone go leka go tokafatsa seemo, a tlatsa ka gore ele mapodisi b aka se kgone ba le nosi go lwantsha borukutlhi.

Asst Supt Mosothwane o ne a kopa banni  go ba loma tsebe ka bao ba ba dirang borukhutlhi, a solofetsa fa maina a ba loma tsebe  a tlaa sirelediwa .

A re bangwe ba rekisa ditagi di tshwana  le motokwane ka jalo o ba kopile go ba loma tsebe ka batho ba ba dirang jalo gore bat le ba tseelwe dikgato tse di maleba ka e bile ba rekisetsa le bana mme se se baa matshelo a bone mo diphatseng.

O ne a supa fa kgang e nngwe e e tshwenyang, ele ya batho b aba kgweetsang ba sena diteseletso, mme a supa fa ba tsile go ema ka dinao go emeisa ditiragalo tse.

Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba leboga le go amogela ramapodise ba mo solofetsa go dirisana le ene go lwantsha borukhutlhi mo motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gosaitse Ditsele

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Aug 2019