Ga rena keletso ya go ikokeletsa lebaka la go busa
31 Jul 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomameseditse banni ba Shoshong gore puso ga e na maikaelelo a go ikokeletsa lebaka la go busa.
Dr Masisi a re go botlhokwa go tlhalosetsa morafe gore lebaka le puso ya gagwe e neng e le filwe go tsamaisa lefatshe le tla kwa bokhutlong, ka jalo go tla nako ya gore setshaba se itlhophele puso e nngwe.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng, Dr Masisi a re setshaba se tsaya karolo ee botlhokwa mo go nosetseng puso ya batho ka batho ka go tlhopha phathi ya sepolotiki e ba dumelang gore e ka diragatsa dikeletso tsa bone.
“Bagaetsho nako ya go itlhophela puso e gorogile. E tla re ka kgwedi ya Phalane le bo le fiwa sebaka sa go dira jalo ka tlhopho,” ga tlhalosa jalo Dr Masisi.
O lebogetse botlhe ba ba ikwadisetseng ditlhopho, a tlhalosa fa ba lemoga botlhokwa jwa go tsaya karolo mo ditshwetsong tse di nosetsang puso ya batho ka batho.
Le fa go ntse jalo, Tautona Dr Masisi o kopile ba ba ikwadisitseng go nna kelelelo gore ba tlhophe sentle ebile ba tlhophe baemedi ba ba nonofetsheng go tsamaisa puso.
“Tlhophang sentle, tlhopho le puso ya batho ka batho ke mokwatla wa lefatshe. Re tlotla puso ya batho ka batho ebile re a e obamela ka e mo molaong, ka jalo re tshwanetse ra o sala morago,” ga bua jalo Tautona.
O ne a lebogela banni ba Shoshong go nna le seabe mo go nosetseng puso ya batho ka batho.
“Re leboga gore le ne la dirisana sentle le rona le sa re swabise. Ledula le kagiso tse di renang mo lefatsheng le, di noseditswe ke lona,” a tlhalosa jalo. Dr Masisi a re kagiso e bopiwa ke morafe, magosi le bo ralekgotla.
O supile gape fa go le botlhokwa gore a leboge ba a dirang le bone, ba a dirileng le bone, le bone ba ba ganetsang puso ya gagwe tota.
Dr Masisi a re seabe sa kganetso se botlhokwa thata mo go nonotsheng puso ya batho ka batho.
O gakolotse banni go ngangatlela kagiso le go itse fa mafoko a kgotla a le mantle otlhe.
“Ntwakgolo ke ya molomo, le seka la raelwa ke ope mme la feretlha kagiso e re tshelelang mo go yone,” ga ikuela Dr Masisi.
A re fa nako ya puso e tla bokhultong ke tshwanelo ya gore baeteledipele ba boele kwa setshabeng gore se kgone go dira tshwanelo ya sone ka go tlhopha barongwa ba ba batlang go tsamaisa merero ya setshaba.
Tuatona Dr Masisi a re diphathi tsa sepolotiki ka go farologana di tsweletse ka ipapatsa.
“Ba ba tlang kwa go lona ba reetseng botlhe mme le ba reetse ka tlhwaafalo. Le tlhophe goromente yo tla etelelwang ke tautona yo le mmatlang.”
Dr Masisi a re le ntswa puso ya gagwe e tla kwa bokhutlong jwa thomo ya yone, e tsweletse ka tiro ya go direla setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Jul 2019