Kgaisanyo ya Miss RADP e tlhoka thotloetso
31 Jul 2019
Mohumagadi wa Batlokwa, Mme Thandie Gaborone, o kopile bagwebi go rotloetsa puso mo dikgaisanyong tsa mmabontle tsa Miss RADP tsa metse ee kgakala le ditlamelo.
O buile se kwa moletlong wa dikgaisanyo tsa mmabontle oo kwa Sekhutlhane kwa kgaolong ya Borwa bosheng.
Mohumagadi Gaborone o galaleditse puso go bo e leka ka bojotlhe go rotloetsa banana ba dikgaolo tse, mme a kopa makalana a a ikemetseng go rotloetsa dikgaisanyo tseo.
O ne gape a galaletsa barotloetsi ba mmabontle o.
Mogolwane go tswa kwa sekolong sa Gaborone University College of Law, Rre Upenyo Chiparo, le ene o galaleditse puso go bo e dira gore banana ba ba kwa dikgaolong ba anywe se kwa ditoropong ba se anyang.
O tlhalositse fa sekolo sa bone se itlamile go thusa puso, mme a supa fa batla duelela mmabontle le rabontle go dira dithuto tsa Certificate tse ba tla di itlhopelang.
Rre Chiparo o tlhalositse gape gore botlhe ba ba neng ba tsenye dikgaisanyo, mme ba na le dikeletso tsa godira dithuto dipe kwa sekolong seo, batla ba thusa ka go duelela bontlha bongwe.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Good Hope, Mme Maobene Molefhe o ne a tlhalosa fa dikgaisanyo tseo di le botlhokwa ka di supa bokgoni jwa bo mmabontle.
O galaleditse bafenyi, mme a re o solofela fa ba tlaa tswelela ba supa bothakga ka go nna sekao mo bananeng ba bangwe.
O galaleditse Mohumagadi Gaborone go tswelela a ba ema nokeng, a re o dumela fa puso e tlhoka go thusiwa gore dikgaisanyo tseo di gole.
Mme Molefhe o ne gape a galaletsa barotloetsi botlhe. Kgaisanyo e ne ya gapiwa ke Mmapula Legoiwa le Matla Maswe ba batla yang go emela kgaolo kwa makgaola-kgaonnyeng a mono ngwaga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOOD HOPE
Event : Dikgaisanyo tsa mmabontle
Date : 31 Jul 2019