Lekawana la Omaweneno le ikgapetse botshelo
31 Jul 2019
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lekawana lengwe la dingwaga tse di masome a mabedi le boraro la kwa Omaweneno kwa kgaolong ya Kgalagadi le fitlhetsweng le akgega mo setlhareng.
Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Kitso Lemogang, tiragalo e begilwe ka matlhatso beke ee fetileng kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro.
Supurintendent Lemogang o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka la Labotlhano, moswi a laela malomaagwe a re o ya go bolotsa dipodi, mme o ne a tshotse terata e a boletseng fa a ya go baakanya lesaka ka yone.
Superintendent Lemogang a re go ya ka masika, lekawana leo le ne la seka la boela lwapeng selo se a reng se ne sa ba tlhobaetsa gore o ka tsa a le kae.
Ditsala tsa lekawana leo di tsa latedisa motlhala wa gagwe mme ya re mo sekgweng ba fitlhela a akgega mo setlhareng.
A re mo nakong ya gompieno serepa se sa ntse se le mo mmoshareng wa kokelo ya Tsabong mme mapodisi a se reboletse batsadi go tswelela ka tsa phitlho.
Superintendent Lemogang o ne a gakolola setshaba bogolo jang banana go kopa bogakolodi mo mapodising,dikgosi, dikgosana, baruti, ba boipelego,batsadi le ditsala tsa bone go na le go ipolaya ka gore go dira jalo go tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko.
A re tiragalo ya go ikgapela botshelo ke ya bobedi mo kgaolong ya gagwe fa e sale ngwaga ono o simologa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Omaweneno
Event : Potsolotso
Date : 31 Jul 2019