Ikaegeng ka Modimo ka nako tsotlhe - Motingwa
30 Jul 2019
Mogokaganya ditiro tsa ofisi ya ba-na-le- bogole kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa, o kopile maloko a kereke ya Revelation Blessed Peace go ikaega ka Modimo ka nako tsotlhe.
A re fa batho ba obama mmogo mme ba kopane ka mowa o le mongwe, Modimo o a ba etela.
O ne a bua se kwa bokopanong jwa banana ba kereke eo kwa Maunatlala bosheng.
Rre Motingwa a re dithuto tse di fiwang banana kwa dikerekeng di a aga ebile di a nonotsha, ka jalo ba tshwanetse ba di tsee tsia.
A re dithuto tse gape dika ba nonotsha mo tlhaloganyong go re ba nne le segakolodi mme ba kgone go tlhaola bosula le boammaaruri.
A re mo nakong eno banana ba lefatshe leno ba sego ka bontsi jwa madi a mananeo a tsamaiso puso bo isiwa kwa thutong mme ba tshwanetse go dirisa sebaka seo go tsena dikole.
O ne a ba gakolola go tsaya le go dirisa sentle mananeo a a ntshitsweng ke puso.
A re sebaka sa go dikgwebo se se ntsi thata ka jalo banana ba tshwanetse go leba seemo pele gore ba dire dikgwebo tse di pharologanyo.
Rre Motingwa a re gore motho a kgone go simolola kgwebo e e maleba ke gore a kgone go bona botlhoki bo bo mo motseng o a tshelang mo go one mme a bo a bo fetola kgwebo.
O ne a kopa baeteledipele ba kereke eo go tswelela ka go rotloetsa mowa wa go neela le gone go nna le mowa wa go ithaopa. A re fa motho a ithaopa o kgona go felela a atlega thata mo botshelong.
Bishop Opelo Modimowaitse wa kereke ya Revelation Blessed Peace Church a re banana ba na le dikgwetlho tse dintsi jaaka letlhoko la ditiro, ka jalo dikgwetlho tse di ba tsenya fa gare ga diphatsa.
Le fa go ntse jalo, Bishop Modimowaitse a re letlhoko la ditiro ga le reele gore monana a senye bokamoso jwa gagwe.
O ne a rotloetsa banana ba kereke ya gagwe go itlhokomela mme ba nne baeteledipele ba ka moso.
O ne gape a rotloetsa maloko go amogela mongwe le mongwe mo kerekeng ya bone mme ba sa kgetholole ebile ba rapelele yo o tsenang ka mekgwa e e sa amogeleseng gore a nne sentle.
Bishop Modimowaitse o gakolotse banana gore maitseo a bone, mekgwa ya bone le ditiro tsa bone e nne tsa banana ba kereke.
O ne a galaletsa bomme ba kereke ya gagwe go bo e le bagakolodi ba batona mo kerekeng ka ba kgona go kopana ba bo ba ntsha megopolo e bo e atliwa ke kereke.
Rre Modimowaitse o ne a gakolola maloko a kereke ya gagwe gore ‘ee’ wa mokeresete e tshwanetse e nne ‘ee’ le ‘nnyaa’ wa gagwe o tshwanetse e nne ‘nnyaa’.
O ne a rotloetsa maloko a kereke go rapelela ditlhopho tsa ngwaga ono tse di tla a tshwarwang mo bogautshwaneng.
Banana ba kereke ya Revelation Blessed Peace ba ne ba abela motse dithini tsa matlakala di le boferabobedi le didirisiwa tsa go tlhapa di akaretsa le mesangwana ya bana ba basetsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAUNATLALA
Event : Bokopano
Date : 30 Jul 2019