Breaking News

Kgosi ke kgosi ka batho

30 Jul 2019

Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, a re kgosi e tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo lolameng le go tlotla morafe.

O buile jalo kwa peong ya kgosana ya Kgantshang kwa kgaolong ya Nhabe, Rre Elenosi Kenosi bosheng.

Dr Kedikilwe a re go baa kgosi ke go supa tlotlo e morafe o mo e neelang, mme a re kgosi o tshwanetse go nna a gakologelwa bontle jo a bo diretsweng joo.

A re go ka utlwisa botlhoko gore kgosi a ise seriti sa gagwe kwa tlase ka go tlhoka tlotlo mo bathong ba a ba eteletseng pele A re fa go nna jalo, kgosi ga a tshwanela go lebelelwa fela, mme go akarediwe borrangwane le bagolo ba motse gore ba thuse go ise go ye kgakala.

Dr Kedikilwe a re mafoko a a reng ‘kgosi ke kgosi ka batho’ ga a tshwanna go ikgatholosiwa ka a na le kaedi le mo dikokomaneng tse di tlang.

Le gale a re fa gotwe ‘mafoko a kgotla a mantle otlhe’ ga go tewe gore jaanong mongwe le mongwe a dire se a sebatlang le ntswa se dule mo tseleng.

A re seo ga se ree gore batho ba ka seke ba e kwa go kgosi go tsaya dikgang, mme a re a nne a tlhatlhoba bogakolodi jwa bone.

Dr Kedikilwe a re mafatshe a mangwe jaaka Enyelane le Japane a na le magosi, a tlhalosa fa botswerere jo ba neng ba bo dira fa ba eletsa go tsena mo dipolotiking ba ne ba tlhomamisa gore ga ba itlhaganelele go tlhakatlhakanya polotiki le bogosi.

A re ba ne ba lemoga fa go di tlhakanya e le go tlhakanya moroko le mase.

Dr Kedikilwe a re selo se sengwe se se botlhokwa mo bogosing ke go kopanya merafe e e nnang mo kgaolong, eseng go e kgaoganya.

Fa a laa Kgosi Kenosi, Kgosi Charles Letsholathebe o kopile gore molelo o a o fitlhetseng o tuka, o seka wa tima ka nako ya fa a le kgosana.

A tlatsa ka gore o fitlhetse morafe o sa phatlalala, mme ene a seka a o phatlalatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : KGANTSHANG

Event : Peo ya kgosana

Date : 30 Jul 2019