Breaking News

Tsogwane o rotloetsa maloko go gagamatsa ipapatso

29 Jul 2019

Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane, o kgothaditse maloko a phathi eo go tshwaraganela ipapatso ya ditlhopho tse di tlang.

O buile se kwa Toromoja Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa kwa phuthegong ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolo ya Toromoja/Tsienyane Botlhaba.

Rre Tsogwane, yo gape eleng Mothusa Tautona wa Botswana, o rotloeditse maloko a phathi go bapatsa maitlamo le molao motheo wa phathi.

A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse le go itsalanya le mafatshe a mangwe ka dipuisano le tshwaragano e le tsone di dirang gore mafatshe a thusane.

Rre Tsogwane a re mafatshe a meletsa Botswana mathe ebile a batla go tshwaraganela le ene papadisano.

A re tautona o menne phatla go isa Botswana kwa pele mme a kopa setshaba go mo sala morago gore diphetogo tse a di eletsang di diragale.

O ba gakolotse go sekaseka mapolotiki pele ga ba ka ba sala morago a re BDP e na le baeteledipele ba ba nonofileng.

A re kgang ya metsi e seka ya ba tshwenya ka e bonetswe madi kwa bankeng ya mafatshe.

Mokhanselara yo o ithophetsweng gape e le moeteledipele wa ipapatso ya kgaolo ya Boteti Bophirima, Rre Baobonye Loeto, o kopile maloko go bapatsa BDP ka mashetla gore e tle e tsweledise ditlhabololo.

Rre Loeto a re dilelo tsa bone tsa lefatshe, ditlou le metsi di tlaa rarabologa ka gore puso ya nako eno ke ya therisano le neelano.

Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe a re kgaolo ya Boteti ke boremelelo jwa BDP.

Rre Lelatisitswe a re puso ya gompieno ke ya therisano a supa fa go boetswe morago tiriso jaaka fa e ne ya reetsa Batswana mme ya tsaya tshwetso go boela morago tiriso ya motshine o o tlhophisang le go tsibogela kgang ya ditlou.

Rre Lelatisitswe o kaile fa ntlhopheng wa kgaolo, Rre Mathias Mbaeva a diretse kgaolo sebaka se seleele e le modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC).

A re Rre Mabaeva o tswa kgakala le BDP a le boikanyego ka jalo a kopa maloko go mo ema nokeng.

Fa a tswa la gagwe, Rre Mbaeva o kopile banni go mo romela kwa khanseleng go ya go tsweledisa se a ntseng a se dira e le modulasitilo wa VDC.

Rre Mbaeva a re o ne a rolela baeteledipele dilelo tsa kgaolo e ka nakotsotlhe, a re o dumela fa a na le bokgoni. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : TOROMOJA

Event : Phuthego ya bo ntlhopheng

Date : 29 Jul 2019