Breaking News

Ba rotloeditswe go nna seopo sengwe

29 Jul 2019

Mothusa motshwarelela kgosi kgolo kwa Serowe, Kgosi Serogola Seretse, o rotloeditse dikgosana, morafe le mapodisi go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi.

Kgosi Seretse o buile jalo kwa thuto-puisanyong kwa Serowe bosheng.

Dithuto tseo di ne di tsenwe ke dikgosana, bagwebi, dikhamphani tse di tlhokomelang dithoto le morafe ka kakaretso.

Kgosi Seretse o boletse gore mapodisi ka nosi ga a kake a kgona borukutlhi jo a reng bo a kekela.

A re go ngomola pelo gore bomme ba bo ba thubediwa le go bolawa ke borre.

O kopile dikgosana go nna le seabe mo go lwantsheng borukutlhi jo bo sa jeseng diwelang joo.

O boletse fa borukutlhi bo tshwanetse go lwantshiwa go simolola kwa lwapeng.

Rre Seretse o ngongoregile ka matlotla le matlo a a sa nneng ope a bolela fa a oka dirukutlhi ka di senyetsa mo go one.

O ngongoregile ka ditsha tsedi sa bolong go abelwa beng ba tsone mme di sa tlhabololwe mme e bile go tletse ditlhare mo go dirang gore dirukutlhi di iphitlhe mo go tsone.

Kgosi Seretse o rotloediste morafe le dikgosana go itse modimo gore batle ba kgone go lwantsha borukutlhi.

O boletse gape fa Serowe a le leswe mo go ngomolang pelo mo a kileng a bitsa khansele le molaodi go tsamaya le ene go bona leswe la teng.

A re go tletse ditlhare tse di batlang go kgaolwa.

Le fa go ntse jalo mogolwane wa mapodisi, Superintendent Molefhe Molefhe, o boletse fa borukutlhi jwa dipolaano le dithubetso bo ile kwa godimo kwa Serowe.

O boletse fa monongwaga go simolola ka kgwedi ya Ferikgong go fitlha Phukwi go setse go bolailwe batho ba le masome a mabedi le bobedi.

Supt Molefhe o boletse fa dipolaano tse dingwe e le tsa baratani, fa tse dingwe e le tsa go lwa kwa bojalweng mme bontsi ba dirisa dithipa go lwa.

O boletse fa jo bongwe e le go thuba matlo, mme a kopa beng ba matlo go hira dikhamphani tse di disang dikago le go tsenya di alarm mo matlong a bone le dikgwebo.

Supt Molefhe o rotloeditse baagisanyi go itsane le go laela ba bangwe fa ba tsaya maeto, a ba a kopa gore batho ba sirele.

Dikgosana di boletse fa majalwa aa dirwang kwa merakeng a thobaetsa ka gore jaanong a mantsi e bile go nowa go simolola maphakela go fitlhelela bosigo.

Ba boletse fa badisa ba nnela bojalwa fela ebile dithipa tseba direkang go tshwaya leruo ba di dirisa go tlhabana ka tsone.

Dikgosana di boletse gore gompieno baagisani ga ba itsane ebile ba bangwe go tletse lefufa , ka jalo ga ba thusane go lwantsha borukutlhi.

Ba boletse fa bangwe ba hira batswakwa e se ka fa molaong e bile bangwe ba ba hitha .

Dilo senoga fela fa batswakwa bao ba baba senyeditse kgotsa ba ba bolaile.

Ba ngongoregile ka bogodu jwa leruo le gore ditsheko tsa teng di tsaya nako e telele go sekwa.

Bangwe ba kopile gore puso e okeletse dikgosana madi gore ba dire ba tiile moko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Dithuto seka dipuisanyo

Date : 29 Jul 2019