Dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe
28 Jul 2019
Modulasetilo wa mokgatlho wa masupatsela wa Southern Africa Zone, Rre Ezekiel Malenya, o gakolotse banana go tsaya malebela mo go ba bangwe.
Rre Malenya, yo gape e leng mogolwane wa khamphane ya Botswana Books Project, o buile se fa a tswala kampa ya banana e e neng e rulagantswe ke International Wetlands camp e tshwaraganye le Junior Rangers le Pelotshweu Trust kwa Kedia Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro.
Rre Malenya. yo a neng a romilwe ke mothusa tautona, a re mokgatlho wa masupatsela o beile kwa pele boikgapho, selo se a reng se thusa go aga banana le go hema botlhoka tsebe.
A re mokgatlho o na le mananeo a go direla banana mono le kwa mafatsheng a mangwe ba tshwaragane le mekgatlho e mengwe.
Rre Malenya o lebogetse banni ba Kedia kemo nokeng mo tirong eo, e e neng e tsenwe ke banana ba mono le ba mafatsheng a mangwe.
O rotloeditse banana ba Kedia go ipopa ditlhopha gore ba kgone bona thuso ya lenaneo la YDF mme a ba rotloetsa go dirisa bokopano joo, go anya kitso ya go tlatsa dipampiri tsa go kopa thuso.
Rre Malenya o solofeditse go ya go kopa dithuso go epa sediba a re ka go sena motlakase, ba tlaa dira se se dirisang marang a letsatsi.
Rre Malenya a re o lemogile fa banni ba Kedia ba ikaegile ka leruo mme letlhoko la metsi le ka ba baya ka fa mosing.
Khamphane ya Botswana Books Project e ne ya abela baithuti ba sekole se se botlana sa Kedia dipone tse di berekang ka marang a letsatsi di le masome a marataro le borataro mme Rre Malenya a solofetsa go tsisa tse di tlaa abelwang bagolo di feta lekgolo.
Dipone tse di tlaa rotloetsa le go thusa baithuti go bala kwa malwapeng mme a solofetsa go abela ofisi ya ga kgosi khomputara le go abela motlobo wa dibuka wa sekole dibuka tse di balwang di le makgolo a ferabobedi.
Morulaganyi wa International Wetlands Camp, Rre Kefilwe Boikhutso a re dithuto tse tsa malatsi a ferangbongwe e ne e le go abelana kitso, go rutuntshana ka tlhokomelo ya tikologo, boitsholo le kgwebo.
O lebogetse banni ba Kedia go bo ba ne ba kgatlhegela tiro e.
A re maikaelelo ke go tswelela ba ruta ka tshomarelo tikologo le matlotlo a naga ka ba ka itshetsa ka o ne.
Mogolwane wa Wetlands, Rre Dustin Kebopetswe o boletse fa kampa e tsamile sentle e bile e atlegile. Rre Kebopetswe o supile fa ba kgonne se ka kemo nokeng ya ga Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima.
O lebogile banana ba baneng ba tsene tiro go thusa ba bangwe go tlatsa difomo tsa lenanaeo la YDF le go ba thusa ka megopolo gore ba ka bona diphatlha tsa dikole kae ba lebile maduo a bone.
Rre Kebopetswe a re go lemosegile fa banana bangwe ba ba dirileng sentle kwa dikolong ba sa kgona go fetela kwa pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Kedia
Event : Kampa ya banana
Date : 28 Jul 2019