Lenaneo la ISPAAD le ka godisa temo
28 Jul 2019
Balemi ba Kgoro kwa kgaolong ya Borwa ba kgothaditswe go dirisa lenaneo le le tlhabolotsweng la ISPAAD go godisa le go tsosolosa serodumo sa temo.
E rile a buisa phuthego ya go tsaya megopolo ya go simolola go thusa balemi ba ba ikgobokantseng ba Kgoro ka lenaneo la ISPAAD,mookamedi wa lenaneo le go tswa kwa lephateng la temo thuo, Rre Kwenantle Gaseitsiwe, a tlhalosa fa a tla ka thomo ya puso ya go thusa balemi.
Rre Gaseitsewe o ne a tlhalosa gore se se tlaa thusa balemi go bona thobo e e botoka ka puso e tlaabo e tsentse letsogo mo go diriseng boranyane jo bo tlhabologileng le go goga metlakase ga mmogo le go dira ditsela.
A re puso e itlamile go thusa balemi ba ba botlana gore ba gole, mme ba namole lefatshe mo manokonokong a go kopa ditirelo tse dingwe tsa temo kwa ntle.
O ba gakolotse gape gore modi wa temo e ntle o itsege kwa Borolong ka jalo, go fefosa dinao go tlaa thusa gore batle ba kgone go nna le thobo e e nametsang.
Rre Gaseitsiwe o gakolotse balemi go ithuta go nna le dibuka tse di supang gore temo ya bone e tsamaya jang, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore motho a itse gore o dirisitse peo e e kana kang gammogo le tse dingwe.
O supile fa maikaelelo a lephata le keletso ya bone e le go thusa beng ba diterekere.
O ne a ba tlhagisa go ela tlhoko phetogo ya loapi, mme ba dirise tse di siameng gore ba somarele bokgola.
Mongwe wa balemi ba Kgoro, Rre Mmoloki Tlhobogang, o ne a galaletsa puso go tlhopa balemi bangwe mo kgaolong gore ba anywe mo lenaneong le, a supa fa thuso e e tla betla matshelo a Batswana mme a solofetsa fa batla iphutha metlhala ka nako mme ba busetse puso phetolo ka thuso e. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOOD HOPE
Event : Phuthego
Date : 28 Jul 2019