Breaking News

Dream Team ga e ipone tsapa go thusa batlhoki

28 Jul 2019

Modulasetilo wa mokgatlho wa Dream Team, Rre Mopati Masogo, a re mokgatlho wa bone o tshwenngwa ke lehuma le le apesitseng kgotla ya bone ya Mokwena le Serowe ka karateso.

A re mo maitekong a go thusa ba ba tlhokileng lesego, ba ne ba rulaganya mogwanto o o duelelwang go tswa Palapye go ya Serowe.

Rre Masogo a re dithuso tse ba neng ba di kopile mo dikhamphaneng di ne tsa seka ya nna tse di kalo mme ga ba ise ba kgojwe ke seo marapo ka maikaelelo ke go bona lehuma le fokotsegile.

E ne ya re Phukwi a le malatsi a le masome mabedi le borataro, mokgatlho wa abela malwapa a le mararo dijo, didirisiwa tse di tlhapelang le melora.

Rre Masogo a re ba solofela go thusa ba bangwe pele ngwaga o wela. O supile fa mokgatlho o thusa gape le balwetse kwa kokelwaneng ya Boipelego.

Kgosi Sechele Kgari wa kgotla ya Mokwena o ne a itumelela tiro e e dirilweng ke banana ba mokgatlho wa Dream Team.

A re banana fa ba ka tsaya malebela mo go bone, baka isa Botswana kwa pele.

Kgosi Kgari o ba kopile go ikgolaganya le ba ba ithaopileng go tlhokomelela balwetse.

Mongwe wa ba ba thusitweng, Mme Khumoetsile Mautle, o ne a supa fa a itumetse thata ka a ne a sa solofela fa nako nngwe go na le yo o ka bonang fa a tlhoka thuso.

Mme Mautle o tlhalositse fa a ne a simologelwa ke bolwetse ka 2015, mme nako e yotlhe a ntse a thusiwa ke ngwana wa gagwe wa mosimane yo a neng a tlogela sekole go mo tlhokomela.

Ka lesego a re ngwana wa gagwe o ne a kgona go boela sekoleng mme o dira mophato wa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : Kabo dimpho

Date : 28 Jul 2019