Breaking News

Matsalo a kgosi tshimologo ya paka

28 Jul 2019

Mokwaledi wa Ntlo ya Dikgosi,  Rre Moroka Moreri, a re matsalo a kgosi ke tshimologo ya paka ka jaana a supa motswedi wa morafe.

O buile jalo kwa moletlong wa go ipelela matsalo a Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II kwa Kanye bosheng.

Moletlo o ne o rulagantswe ke komiti ya Ga Mma Leema Culture le sekole sa Kidz Academy.

Rre Moreri a re matsalo a ga Kgosi Malope a tshwanetse go gopotsa Bangwaketse se ba leng sone.

O akgoletse morafe go rulaganyetsa kgosi ya bone moletlo wa go tshwana le oo, a re go supa tlotlo mo go ene.

A re go tlotla le go leboga kgosi go na le seabe se segolo mo go ageng setshaba.

O supile fa gape go tlotla kgosi e le go bitsa ditshegofatso kwa Modimong ka e le one o mo tlhomileng mo maemong a boeteledipele.

Rre Moreri o tlhalositse fa nako ya matsalo a ga kgosi e le ya go itshekatsheka le go akanya gore morafe o ka tswelela ka go mo tlotla jang le go lebogela tiro e kgolo e a e dirang.

A re nngwe ya dilo tse ba ka di dirang go tlotla kgosi ke go bopagana e le morafe gore le ene a nne ka boitumelo.

A re o eletsa merafe e mengwe e ka tsaya malebela mo go se se dirwang ke Bangwaketse le yone ya tlotla dikgosi tsa yone ka methale e e farologanyeng.

Modulasetilo wa komiti ya Ga Mma Leema Culture, Rre Motswakgakala Sealetsa a re maikaelelo a moletlo e ne e le go tlotla le go lemoga seabe sa ga Kgosi Malope ka e le tshosoerweleng ya go tshegetsa ngwao mo motseng.

A re e re jaaka maikaelelo magolo a komiti ya bone e le go tsosolosa ngwao, ba bone go tshwanela gore nngwe ya methale e ba tlaa e dirisang e nne go golaganya kgosi le morafe wa gagwe ka meletlo jaaka wa matsalo a gagwe.

O ne a lebogela kemonokeng ya morafe mo thulaganyong ya go tsosolosa ngwao ya Sengwaketse,e.

Leloko la mophato wa ga Kgosi Malope wa Matlotlakgosi, Rre Sane Gaboratanelwe o ne a akgolela komiti eo go bo e lemoga seabe saga kgosi mo morafeng.

A re o lebogetse go bo ba filwe karolo mo tirong eo e le mophato wa ga Kgosi Malope.

A re mophato o ikaelela go sireletsa kgosikgolo mo dihatlhing tsotlhe ebile ba itlamile go tsweledisa tema ya mephato e e tsileng pele ga bone ka go dira segopotso sa sennelaruri mo motseng.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Malope a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo thulaganyong eo le gone go tla go ipela le ene.

A re moletlo oo o simologile e le sephiri se nneng se rulaganyediwa kwa sekoleng sa Kidz Academy, mme jaanong o leboga komiti go bo e o godisitse gore o ipelelwe ke morafe otlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Ipelelo matsalo a Kgosikgolo wa Bangwaketse

Date : 28 Jul 2019