Breaking News

Dirisang talente go itshetsa

25 Jul 2019

Batswana ba gakolotswe go dirisa talente ya go dira ka diatla go itshetsa.

Se se builwe kwa ditshupong tsa ditiro tsa diatla tse di neng di rulagantswe ke lephata la boipelego le tlhabololo matshelo a batho la khansele ya Bokone Botlhaba kwa Sekakangwe Phukwi a le masome mabedi le bone.

Dibui di ne tsa gwetlha ba ba nang le ditalente go di ribolola le go di dirisa ka di ka ba thusa go itshetsa.

Badiragatsi ba ba neng ba supa dithoto tsa bone ba ne ba akaretsa ba ba betlang, ba ba bopang dinkgwana le ba ba rokang diaparo le ditlatlana gareng ga tse dingwe.

Sebui sa tlotla kwa ditshupong tseo, Rre Never Mogapi, o ne a supa fa go dira ka diatla e le bontlha bongwe jwa ngwao e Batswana ba tswang goo-lowe ka yone. 

Rre Mogapi o ne a gwetlha ba-tsena ditshupo go kwatabolotsa sengwe mo disupiweng, ba remeletse thata mo go tsa ngwao, a re seo se ka thusa gore ngwao e seka ya nyelela.

A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa lefatshe le agiwa ke setshaba sa lone, ka go tshegetsa ngwao e e akaretsang go dira ka diatla.

Rre Mogapi a re go mo maruding a bone go netefatsa gore tse ba di amuleng kwa ditshupong tseo ba di tsaya ka tlhwaafalo, gape ba seka ba letlelela ngwao ya bone go ba tswa ka phatlha tsa menwana.

O ne a ba gakolola go inaakanya le diofisi ka go farologana, go kopa dikgakololo tebang le tse ba ka di dirang go itshetsa.

Mme Tshebo Chakalisa o ne a tlhalosa fa maikaelelo a ditshupo e ne e le go kopanya badiragatsi go tla go  amogana botsipa go thusa go tokafatsa ditiro tse ba di dirang, go supa ditalente le dikitso tsa bone le go ipapatsa.

Modulasetilo wa komiti ya botsogo le tlhabolola matshelo a batho ya khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa Siviya, Rre Bakani Baziili le ene o ne a supa botlhokwa jwa bodiragatsi, a re bo thusa batho go ribolola ditalente tse ba ka tlhabololang matshelo a bone ka tsone.

Le fa gontse jalo, Rre Badziili o ne a supa tlhobaelo ya go bo batho ba sa tsenye mowa wa lerato mo go sepe se ba se dirang, a supa fa e bile go ngomola pelo gore e re bangwe ba sena go thusiwa ka madi go godisa tse ba di dirang, ba bo ba a dirisetsa di sele.

Bangwe ba badiragatsi ebong bomme Milidzani Sengaali, yo o bopang dinkgwana le Deliwe Ntema yo o dirang dibaga, ba ne ba supa fa bodiragatsi bo ba tlodiswa melatswana.

Ba tlhalositse fa lorato le ba nang le lone mo ditirong tsa bone e le lone le ba thusang gore ba gatele pele.

Mme Ntema o ne a gakolola banana go se ipone tsapa go inaakanya le go dira ka diatla. BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SEKAKANGWE

Event : Ditshupo Tsa Ditiro Tsa Diatla

Date : 25 Jul 2019