Breaking News

Banna ba itshupile fa pele ga lekgotla ka bogodu ja leruo

25 Jul 2019

Babelaelwa ba le babedi ba itshupile fa pele ga kgotla ya ga Mmakaserata kwa Serowe Phukwi a le masome mabedi le bobedi ka molato wa bogodu jwa leruo kwa merakeng ya Mokoswane ka 2017.

Borre ba, ba ba tllholegang kwa Radisele, ba go belaelwang ba ne ba le bararo ka nako ya tiragalo, ba ne ba utswa dikgomo di le boferabongwe tsa ga Rre Kebasweditse Rantsi.

Basekisiwa e bong Ikotlhaeng Sechele (58) le Bakang Mothobi (55) le mongwe wa boraro yo o neng a seyo fa pele ga lekgotla go belalelwa ba utswile dikgomo tseo le mororo di ne di na le matshwao le ditshipi sentle mo go tsone.

Lekgotla le ne la bolelelwa fa mosekisiwa yo neng a seyo go kailwe fa a tshegeditswe ke mapodise a Oliphant’s Drift ka molato o mosha oo farologaneng le wa go utswa leruo.

Basekisiwa ga ba a ipona molato mo molatong o ba o lebisitsweng. 

Sechele yo o nang le moemedi, o ne a kopa gore a emele tsheko a le kwa ntle, mme mosekaseki wa tsheko eo Mmakaseterata Wanani Ngeweni, a amogela boikopelo jwa gagwe, fa yo mongwe ene a tlaa tshegediwa kwa kgolegelong.

O kopile gore mosekisiwa a ipege kwa mapodising a Radisele beke le beke.

Tsheko e tlaa tswelela ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le motso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 25 Jul 2019