Molemi pinagare ya botshelo
25 Jul 2019
Mogolwane wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Lambani Obuseng, a re molemi ke pinagare ya botshelo ka kakaretso, ka jalo o tshwanetse go tsepama.
O buile se bosheng kwa ditshupong tsa temo-thuo tse di neng di tshwaretswe kwa Ramokgonami.
Rre Obuseng a re go botlhokwa gore balemi ba tswelele ka go lema ka boineelo le tsholofelo.
A re molemi o tshwanetse go tsaya ka tlhwaafalo methale yotlhe ya go lema e a e rutwang ke balemisi gore thobo ya gagwe e oketsege.
Rre Obuseng a re mo malatsing ano temo e boutsana ntateng ya phetogo ya loapi mme balemi ga ba a tshwanela go itshophara fela.
A re kgaolo ya Tswapong e itsege ka go lema dijwalo tse di akaretsang magapu le mabele mme serodumo seo se tshwanetse go tswelela mme go ka nna jalo fela fa balemi ba ka reetsa dikgakololo tsa balemisi.
A re balemisi ke tsela le boammaaruri jo balemi ba ka bo dirisang ka ba itse methale e e farologaneng fa go na le phetogo ya loapi.
A re dijwalo dingwe di lengwa go ya ka dipaka mme fa balemi ba ka tlhokomela se, ba tlaa bona thobo e e nametsang.
Rre Obuseng o ne a supa matshwenyego ka bangwe ba balemi ba ba sa lemogeng thuso e ba di fiwang ke puso ka lenaneo la ISPAAD.
A re maikaelelo a lenaneo le tshwana le la ISPAAD ke go oketsa thobo mo baleming mme bangwe ba tsaya motlhofo fela.
A re thuso e puso e e ntshang go e fa balemi e lopa madi a mantsi fela thata mme bangwe ba lema ba bo ba tlogela masimo a bone mme leruo le bo le tsena le senya.
O tsweletse a kopa balemi go emisa mokgwa wa go baya temo mo beng ba diterekere a bolela fa bangwe ba kgona go laela ba ba ba lemelang gore ba beile fa kae dipeo ntswa ba tshwanetse gore e re ba lemelwa ba bo ba le teng.
Rre Obuseng a re BAMB ga e bone thobo mo Batswaneng.
O ne a ikuela mo baleming ba kgaolo ya Machaneng go tsosolosa lebala la bone la ditshupo gore ba kgone go supa tse ba di lemileng le gore ba kgone go tsaya botsipa mo go ba bangwe.
Molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane, o ne a bolela fa ba ne ba rulaganya ditshupo tse dipotlana gore ba ba kgonneng go roba sengwe ba kgone go supa se ba se robileng go rotloetsa temo.
A re le ntswa ba ne ba na le letlhoko la madi seo ga se a ba kgoreletsa ka ba ne ba batla go supa temo ya ngwaga ono ka jalo o ne a re o na le tsholofelo ya gore mo ngwageng o o tlang go tlaa nna le ditshupo tse ditona.
Thobo e e neng e supiwa kwa ditshupo-potlana tseo e ne e akaretsa mabele, dinawa, manoko, magapu, morogo le tse dingwe.
Mme Motemane o ne a rotloetsa balemi ba kgaolo ya gagwe gore ba itsolopanye mme e re mo nakong e e tlang ba kgone go supa thobo ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : RAMOKGONAMI
Event : Ditshupo tsa Temo-Thuo
Date : 25 Jul 2019