Breaking News

Khansele e gakololwa go atolosa dithuso

24 Jul 2019

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans van der Westhuizen, o kgothaditse badiri ba khansele ya Bokone Bophirima go atolosa dithuso tse ba di neelang ba ba tlhokileng lesego.

O buile se kwa Maun ka Mosupologo fa khansele e ne e abela lelwapa la ga Mme Diana Lemponye dikgetsi tsa samente.

Mpho e, e tla morago ga gore boora Lemponye ba tlhokafalelwe ke motsadi morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e jewe ke molelo.

Rre van der Westhuizen a re khansele e ka ikopanya le ba ba ikemetseng le dikhamphani, go gokelela ba ba tlhokileng lesego motlakase, go na le go ba thusa ka matlo fela.

O ne a gwetlha khansele ya Bokone Bophirima go tlhama letlole, go kokoanya madi a dithuso gore ba atolose dithuso tsa bone.

Rre van der Westhuizen o lebogile khansele le batsaya karolo kwa phuthegong ya national planners seminar, e e tshwaretsweng kwa Maun go bo ba ikgolagantse le bagwebi go thusa ba malwapa a a tlhokileng lesego.

A re ba dirile tiro e ntle e e tsweledisang tebelopele ya setshaba.

Mokhanselara wa kgaolo ya Boseja-Kubung, Rre Vepaune Moreti o lebogile tona go tlhola loora-Lemponye.

Rre Moreti a re thuso eo, ke phimola dikeledi mo go ba lelwapa morago ga go boloka motsadi wa bone.

Dithuso di ne di akaretsa dikgetsi tsa semente di le masome mane go tswa kwa Jamal Trading, fa terata go thusa lelwapa le lengwe e ne e tswa kwa khamphaneng ya tsa kago ya Archain. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Jul 2019