Melelwane ga e jese diwelang
24 Jul 2019
Banni ba dikgotla tsa Suping le Magokotswane kwa Molepolole ba re ga ba jesiwe diwelang ke ka fa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya dikgotla tsa bone e a agilweng ka teng.
Banni ba buile jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan ka Mosupulogo le Labobedi.
Ba re melelwane e e bakiwa ke go agiwa ga komiti ka maloko a dikgotla tse di akaretsang Ratotoboro, Ntloolengwae, Boribamo East, Suping le Magokotswane, selo se ba reng se ketefaletsa maloko go dira tiro.
Ba kaile fa ba sa itumelele gore komiti e le nngwe e agiwe ka maloko a a tswang mo dikgotleng tse di farologaneng, ka jaana se se baka melelwane le dipharologanyo.
Bontsi jwa bone ba supile fa seemo se, se ba baa ka fa mosing go akola mananeo le ditlhabololo go goroga mo mo dikgotlaneng tsa bone. Banni ba Suping ba re ba boipelego ga ba kgone go ba neela ditlamelo ka nako ka jaana ba berekela kgakala le bone kwa kgotleng ya Ntloolengwae.
Ba re nngwe ya dikgwetlho ke gore ba patelesega go ipelela boipuso kwa dikgotleng tse di kgakala le ya bone, selo se ba reng se ba baa ka fa mosing ka jaana go sena dipalamo.
Mongwe wa banni ba Suping, Rre Moreri Montshiwa o ne a supa fa a ngongorega ka fa badirela puso ba leng maoto a tshupa ka teng.
“Mo motseng wa Suping, ga re akole ditlamelo, re bereka go tlatsa batho ba Ntloolengwae, re fa gare ga re kgone go tlhaloganya gore re ba Boribamo East kana Ntloolengwae, ga re kgone go ipelella ditiro di tshwana le boipuso ka bonosi ja rona.
Gape ga re itse bo mmaboipelego re ba bona fela re tlile diphuthegong, tota ga re tsewe tsia mo Suping,” ga bua Rre Montshiwa.
Banni bangwe ba ne ba ngongorega fa ba tseelwa lefatshe ka dikgoka ke lephata la kabo ditsha ka ditsholofetso tsa gore ba tlaa bewa, mme go sa nna jalo.
Ba ne ba re ba sebete se molangwana ka peo ya mabitla ntle le go rerisiwa, selo se bareng se feletse se baka gore mongwe wa bone a ye kgolegelong.
Rre Kitso Ngwako go tswa kgotleng ya Suping o ne a kopa Mopalamente Khan go ba buela le lephata la kabo ditsha go baa ditsha tsa bonno.
Rre Andrew Selwe go tswa Magokotswane o ne a kopa mopalamente go netefatsa fa bodiredi ja puso bo thusa morafe sentle.
Mme Kgalalelo Mosege ene o ne a re le ntswa go twe Suping ga a mo moalong, botoka ba tsisediwe ditlamelo tsa botsogo kgotsa sekolo sa bana ba bannye go itsa gore ba tsamaye mosepele o moleele.
Mokhanselara wa kgotla ya Magokotswane, Rre Otto Keipeile, a re melelwane ya komiti ya ditlhabololo e tsala mathata a mantsi.
Rre Keipeile o solofeditse banni fa kgotlhang e, e tla a fela ka jaana go na le lenaneo la go kgaoganya melelwane morago ga palo batho ya ngwaga wa 2021.
A re ka lenaneo le, dikgotla dingwe di tlaa nna le mokhanselara yo o lebaneng, se se tlaa fokotsa kgotlhang le dikgwetlho tse di amang banni.
Mopalamente Khan ene o ne a supa fa ditsamaiso tsa puso di sa tlhamalala ka jaana ba nna ba bua selo sele sengwe, mme go sena tswelelo pele.
A re o nna a kopela banni ditlhabololo le ditlamelo, mme morago ditsholofetso ga di dirwe, ka jalo a rotloetsa banni go tswa ka megopolo go baakanya kgaolo.
“Re tlhoka dilo di le dintsi go baakanya kgaolo, ka jalo go botlhokwa gore re tswe ka megopolo ya go itlhabolola le go itshetsa ka go lebega puso e re beile ka ha mosing,” ga bua Rre Khan.
O ne a solofetsa banni fa a tla tsaya dingongorego tsa bone mhago go di isa kwa go ba ba lebaneng.
O ne gape a ba solofetsa fa a le mo dipuisanyong le bangwe go tla go rutuntsha banni ka methale e e farologanyeng ya go itshetsa jaaka temo ya melemo ya sengaparile, mokgwapha le moringa.
A re lenaneo le le tlaa rutuntsha gape banni ka tsa tiriso ya madi e e faphegileng, le go ba rutuntsha ka tsa ditiro tsa diatla ka didirisiwa tse di teng mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gosaitse Ditsele
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Jul 2019