Mabelo a dipitse kwa Kokotsha a ka nowa moro
23 Jul 2019
Banni ba Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba galaleditse dikgaisano tsa mabelo a dipitse tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ba re di ka tokofatsa matshelo a bone .
Mothusa modulasetilo wa komiti e e tsamaisang dikgaisano, Rre David Titus, o tlhalositse mo potsolotsong fa mabelo ao a simologile ka 1984, e le tsela nngwe ya go tlosa banni bodutu bogolo jang ka malatsi a boipuso, keresemose le ngwaga o mosha.
A re e ne ya re morago ba lemoga fa e ka nna dikgaisano tse banni ba ka tlhabololang motse le go tokafatsa matshelo a bone ka tsone.
Rre Titus a re dikgaisano tsa monongwaga di tsamaile sentle fa go tshwantshwangwa le tsa ngwaga oo fetileng ka di ne di tshologetswe ke bontsi jwa batho tsa bo tsa bulwa semmuso ke Mothusa Tautona, Rre Siumber Tsogwane.
A re dipitse tsa letsopa la Tswana, Through le Cross breed di le masome a ferabongwe go tswa Churleshill, Takatokwane, Motokwe le Jwaneng di ne di gaisanela mabelo a a farologaneng.
Rre Titus a re ba ikaelela go itoma molomo wa tlase ngwaga o o tlang, go baakanya lebala, go aga ntlwana ya fa go duelelwang teng le mabante a a supang ba ba duetseng.
O supile fa bontlha bongwe jwa madi a ba a dirileng mo dikgaisanong a thusa mo ditlhabololong tsa motse le gore maikaelelo magolo a bone ke go agela banni ba ba tlhokileng lesego.
Rre Titus o kopile kemo nokeng a re ga ntsi ba thusiwa ke lephata la banana le ngwao ga mmogo le lekgotla la BALA.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Kokotsha, Mme Mpelegang Mphuthele o tlhalositse fa mabelo a dirile diphetogo mo matshelong a banni ba motse oo.
A re bontsi bo itshetsa ka temo le go rekisa maungo a naga.
Mme Mphuthele a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwaraganye le kgosi, mokhanselara le komiti e e tsamaisang dikgaisano ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe a obe letsogo mo go tsone ka go ba rekisetsa metlaagana ka go hapaana ngwaga le ngwaga.
Mongwe wa bagwebi, Mme Kentsenao Thumpe o itumeletse dikgaisano, a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e ne ya tsamaya sentle.
O ngongoregile ka bomaipaafela ba ba neng ba rekisetsa kwa ntle ga lebala ba sena diteseletso mme a kopa komiti go baya seo leitlho mo nakong ee tlang.
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o supile fa dikgaisano di tsamaile sentle ka go ne go sena sepe se se hatlhang jaaka dikotsi le borukutlhi.
A re bakgweetsi le setshaba ba ne ba dirisana sentle le mapodisi fa beng ba marekisetso a bojalwa ka ba ne ba obamela dinako tsa go bula le go tswala.
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KOKOTSHA
Event : Potsolotso
Date : 23 Jul 2019