Breaking News

Emelang kgaolo ka dinao

23 Jul 2019

Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane o kopile maloko a phathi eo go lwela thata kgaolwana ya Makalamabedi/Motopi mo ditlhophong tse di tlang.

Rre Tsogwane o buile se kwa Makalamabedi fa a supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolwana eo.

A re kgaolo e tswa kgakala e tshegeditse serodumo sa BDP mme a kopa banni go baakanya seemo mo ditlhophong tse di tlang. 

A re maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ke go senka methale e e ka nontshang le go isa itsholelo kwa godimo  ka go aga botsalano le mafatshe a mangwe.

Rre Tsogwane, yo gape e leng Mothusa Tautona wa Botswana, a re puso ya BDP, e na le mananeo a a nonofileng ebile ke ya batho ka batho e e tlhaloganyang gore Batswana ba tlhoka eng.

A re puso ya nako eno ke e e nang le morero le Batswana, go buisana le bone ka dilo tse di ba amang jaaka go bulelwa ga letsomo a supa fa ba buile le banni mme letsomo le tlaa boela.

Rre Tsogwane a re therisano le banni ba Khumaga le Moreomaoto ka terata e e kgaoganyang diphologolo le leruo e tlaa tswelela mme go santse go sekasekwa diterata ka mefuta kwa mafatsheng a mangwe.

A re puso ya BDP ke ee neelang Batswana dithata a supa fa banni ba kgaolo ba tlaa lalediwa go tsena mo dikgwebong tsa makgobokgobo.

Rre Tsogwane o supile fa puso e tsweletse ka go dira ditlhabololo mme e le mo lenaneong la go aga sekole se se rutang metshameko.

A re kgaolo le yone e gatetse pele mo tlhabololong di akaretsa kokelano kwa Makalamabadi, katoloso ya kokelwana ya Moreomaoto le sekole sa Moreomaoto brigade.

O boletse fa tsela ya Makalamadi/Motopi e bonetswe madi mme tsholofelo e le gore e ka simololwa mo bogaufing.

Rre Tsogwane a re maiteko a mangwe ke tlhama lekgotla la setshaba kwa kgaolong eo e e reketsweng ditekere tse pedi le didirisiwa tsa tsone.

Mothusa Tona wa temo thuo, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa Tautona a ba romile go bapatsa BDP, ba dira jalo ka botho le maitseo.

Rre Markus a re Tautona o tsweletse ka go baakanya dingwe, a rerisana le Batswana jaaka a dirile ka kgang ya ditlou le letsomo a re ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso ka ditsholofetso tse di senang motlhala.

Rre Markus o kaile ntlhopheng wa Makalamabedi / Motopi, Rre Ontiretse Kabalele e le motho yo o boikanyego mo phathing ebile a tswa kgakala le yone.

A re Rre Kabalele ke monana yo o nang le bokgoni jwa go nna moeteledipele

Rre Markus o kopile maloko a BDP go mo ema nokeng go tseya kgaolo mo diatleng tsa UDC.

Fa a tswa la gagwe, Rre Kabalele a re o dumela fa a nonofile go nna mokhanselara wa kgaolo ka a tlhaloganya dilelo tsa banni.

Rre Kabalele a re o dumela gore o ka kgona fela ka kemo nokeng le tirisano nabo mme a ba kopa go mo tlhopha gore a kgweetse mananeo a phathi e e busang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAKALAMABEDI

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 23 Jul 2019