Komiti ya Peleng Bophirima e akgoletswe go thusa morafe
22 Jul 2019
Mothusa kgosi kwa kgaolwaneng ya Peleng kwa Lobatse, Kgosi Modise Senyerelo o akgoletse komiti ya ditlhabololo ya Peleng West go emela morafe ka dinao.
Kgosi Senyerelo o buile jalo fa komiti eo e ne e abela banni bangwe ba ba tlhokileng lesego dimpho tsa dikobo di le masome a mabedi.
A re go fiwa mpho ke selo sa botlhokwa e bile se baka boitumelo mo botshelong jwa motho.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Donald Mokgatla, o boletse fa maikaelelo a bone e le go direla setshaba, a tlatsa ka gore mo nakong ee fetileng, ba abetse bana dimpho tsa keresemose, a re ba dira se ka se le mo mokwalong o o tsamaisang komiti eo.
O tsweletse a bolela gore ba ne ba gopola ba ba tlhokileng lesego, bogolo jang mo nakong e ya mariga, mme batla ka mo gopolo wa go kopa thuso mo makalaneng a puso, le a a ikemetseng le batho ka bongwe ka bongwe gore ba thuse.
Rre Mokgatla o boletse gore yo o abelwang o lesego, mme a kgothatsa gape ba ba amogelang gore ba seka ba ikgantshetsa ba ba sa fiwang sepe.
Mongwe wa ba abetsweng dimpho, Mme Naledi Nthutang o ne a leboga komiti eo go menagane, a kopa gore Modimo o tswelele o ba thusa, ba lemoge letlhoko la ba bangwe, mme ba ba thuse. Mme Mary Senye o ne a lebogela komiti eo tiro e ntle e ba e dirileng, a leboga le bone ba ba thusitseng ka dimpho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo dimpho
Date : 22 Jul 2019