Mothusa Tautona o gomotsa boora Morwaanare
21 Jul 2019
Kgosi Steven Morwaanare wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o bolokilwe maabane.
E ne ya re ka Labotlhano, Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, a etela boora Morwaanare go ba gomotsa.
O ne a ba rotloetsa go tshwaragana morago ga go latlhegelwa ke tlhogo ya lelwapa mme ebile e le kgosi ya motse.
Mothusa Tautona a re o ne a bona go tshwanela gore le ntswa a pitlagantswe ke ditiro tsa puso, a ye go tshedisa ba ba latlhegetsweng.
Moemedi wa lelwapa, Rre Bagodi Phihadu, a re Kgosi Morwaanare o ne a simologelwa ke bolwetse dingwaga tse pedi tse di fetileng.
A re go tloga foo, botsogo jwa gagwe ga bo ise bo tlhole bo tokafala go fitlhela a tlhokafala beke ee fetileng.
Rre Phihadu o ne a tlhalosa fa Kgosi Morwaanare e ne e le senatla mo tirong ya gagwe, mme a ne a e dira ka bokgabane.
Rre Phihadu, yo gape e leng kgosana kwa motseng oo, o ne a tlhalosa fa ba bogosi ba ne ba ithuta go le go ntsi mo go Kgo Morwaaanare mme ebile le ditlhabololo tsa dikgotla tsa bone ba kgonne go di dira ka thuso le thotloetso ya gagwe.
A re o rutile morafe go ithaopa mme seo se feletse se thusa gore ba nne le sekolo sa bone sa ntlha sa motse oo le go aga kokelwana.
Ngwana wa ga Kgosi Morwaanare, Rre Pako Morwaanare ene o ne a lebogela kgomotso ya ga Rre Tsogwane, a re seo se ba tiisa moko ebile se ba bontsha fa ba se nosi mo tatlhegelong ya bone.
A re go ba gomotsa ga gagwe go ba fa tsholofelo le natla go ya go fitlha rraabone mme ba tlaa tswelela ba tshegeditse mowa wa tirisano mmogo.
Mongwe wa bagolwane ba motse, Rre Friction Leuwe ene a re Kgosi Morwaanare o diretse motse wa bone ka bonatla mme a tsisa ditlhabololo tse di dirileng motse oo se o leng sone gompieno.
Kgosi Morwaanare o ne a tlhomiwa mo bogosing ka ngwaga wa 1979 morago ga go direla Ditshegwane ka boithaopo mme ebile a ne a bereka ka thata gore ditlhabololo di nne teng kwa motseng oo.
Kgosi Morwaanare, yo o tlhokafetseng a le dingwaga tse di masome a supa le bone, e ne e le ngwana wa ga Rre Khemeng le Mme Kedirotse Morwaanare kwa kgotleng ya Mokgalo.
O tlogela bana ba ferabobedi, bana ba bana ba le lesome le bone le kokomane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : DITSHEGWANE
Event : Kgomotso ya loso la kgosi
Date : 21 Jul 2019