Temo-thuo e tlhoka boineelo
20 Jul 2018
Mothusa Tona wa Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele, o akgoletse komiti ya ditshupo tsa Mahalapye boineelo jwa yone mo go direleng setshaba.
Rre Makgalemele o buile se fa a bula ditshupo tsa temo-thuo kwa Mahalapye ka Matlhatso.
O ne a kgothatsa komiti eo go tshwara ka thata le fa kemonokeng e ne e se kalo fa leeto la bone le simolola.
“Se a re go tlogelwa tsatsing, se ikise moriting, ka jalo ke le akgolela go tsaya kgato ya go tlhabolola motse wa lona,” ga bua Rre Makgalemele.
A re o lemogile fa komiti eo e tlhoka kemo nokeng ya baeteledipele ba kgaolo.
“Le dirile selo sa botlhokwa go tsosolosa ditshupo tse di nang le dingwaganyana di ntse di phutlhame. Ke tlaa buisana le baemedi ba bangwe ba kgaolo kwa palamenteng, gore re loge maano a go le thusa,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.
A re puso e na le maikaelelo a go rotloetsa le go godisa bagwebi ka go reka dithoto le ditlamelo tsa bone. Mo ngwageng ono wa madi, puso e seegetse fa thoko P41.1 billion go rotloetsa bagwebi ka go reka dithoto tse di dirwang mo gae. O rotloeditse komiti ya ditshupo go sosoetsa banana go inaakanya le temo-thuo.
O tlhalositse gape gore ditshupo tseo ga se tsa motse wa Mahalapye fela, ka jalo go le botlhokwa gore metse yotlhe ya kgaolo potlana ya Mahalapye e tseye karolo e e nonofileng.
Rre Makgalemele a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ntsha dijo gore maikaelelo a komiti eo a tle a nnele ruri.
Rre Makgalemele a re temo-thuo e na le bokgoni jwa go tsholetsa itsholelo ka go tlhama ditiro. O tsweletse a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologanyeng a a itebagantseng le go tlhabolola temo-thuo go thusa go tswaakanya itsholelo le go fokotsa letlhoko la ditiro.
A re lengwe la mananeo, le le tshwanetseng la lejwa ke la popota mo maitlamong a puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekanyeng la ISPAAD.
“Ga ke batle seipato sa gore pula e boutsana, re tshwanetse ra tsaya boikarabelo, ra sala morago ditaelo tsotlhe tse re di fiwang ke baitseanape ba temo, le go dirisa metlhale ya temo e e tsamaelanang le diphetogo tsa loapi. Mathata a ke a lemogileng ke gore balemi ga ba tlhokomele masimo. Temo e batla lorato le tlhokomelo e e tseneletseng,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.
Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi, o ne a tlhalosa fa a tshwenngwa ke go bona morafe o sa kgatlhegela go nna le seabe mo ditshupong tseo.
“Tsatsi jeno, magogwe o belaela lomepe. Le fa go na le ditiro tse di farologanyeng tse di ka tswang di tshwerwe mo motseng ka letsatsi jaaka dintsho, batho ba nna ba ikgaoganya ka ditiro, e seng seemo se ke se bonang gompieno ditshupo di tsenwe ke bodiredi jwa puso fela,” ga bua Kgosi Segotsi.
A re maiteko a komiti a go tsosolosa ditshupo a tshwanetse a tseelwe kwa godimo ka gore ke go dira tiro e e tlaa sologelang molemo kgaolo potlana ya Mahalapye. “Ke dumela gore bogogi jwa motse jaaka dikgosi le baemedi ba sepolotiki ba itse ka tiro, mme ke hakgamala ba e phatlalaletse.”
A re o tshwenngwa gape ke gore le fa go ntse go tsweletswe go baakanyediwa ditshupo, go ne go bonala gore bangwe ba bone ga bana kgatlhego mo tirong eo.
Le fa go ntse jalo, Rre Segotsi a re puso e leka go rotloetsa batho ka bongwe ka bongwe go tsena mo mohameng wa temo-thuo ka mananeo a a farologanyeng, ka jalo go a tshwenya go bona le ba ba thusitsweng ba sa kgatlhegele go dirisa sebaka se, go bapatsa dithoto tsa bone.
Mothusa modulasetilo wa komiti, Rre Basimane Mannaesi, o ne a lebogela bogosi jwa motse le ofisi ya ga molaodi go bona botlhokwa jwa go tsosolosa ditshupo. O supile fa tiro ya boithaopo e le bokete ebile e na le le dikgwetlho ka jalo e tlhoka boineelo. “Le fa go le boutsana, ke leboga ba ba bonyeng botlhokwa jwa go rotloetsa maiteko a rona,” ga tlhalosa Rre Mannaesi.
A re maikaelelo a bone ke go bona lebala la ditshupo le dirisiwa ka botlalo go tsisa diphetogo tse di molemo kwa Mahalapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo tsa temo-thuo kwa Mahalapye
Date : 20 Jul 2018