Mosadi o ipolaetse kwa Sekgoma
18 Jul 2019
Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo yone mosadi wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le botlhano le masome a mane a ikgapetseng botshelo kwa kokelong ya Sekgoma Phukwi a le lesome le borataro.
Mookamela mapodisi a Serowe, Superintendent Molefe Molefe, o a re mosadi yo, o ne a robaditswe kwa kokelong ntateng ya bolwetse jwa khupelo.
A re o ne a tsenngwa lebotlolo la go mo thusa go hema, mme go belaelwa a diritse lethombo la lone go ikaletsa.
Supt Molefe o tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse.
Mo dikgangnnyeng tse dingwe, Supt Molefe o boletse fa go nnile le kotsi ya koloi ya mogobagoba e mokgweetsi wa yone a neng a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme ya menoga fa e tsena ka Serowe.
A re e ne e pegile dikgomo di le masome a robabongwe, ga a swa di supa, dingwe tsa robega fa tse dingwe di ne tsa ya le naga.
O boletse fa mokgweetsi a ne a bona dikgobalo tse di potlana.
Supt Molefe a re dikgomo di ne di tswa Motokwe kwa kgaolong ya Kweneng di ya polasing kwa Makoba.
A re malatsi a boitapoloso a ne a ritibetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2019