Kgosi Morwaanare o tlhokafetse
18 Jul 2019
Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o tlhokafetse.
Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng o boleletse banni ba Ditshegwane mo phuthegong fa Kgosi Morwaanare a tlhokafetse Phukwi a le lesome le bone mme a tlaa bolokwa ka Phukwi a le masome mabedi le bongwe.
Kgosi Gaoonwe o kopile banni go nna ka kagiso jaaka moriti wa setlhare se ba neng ba se ntse o tlogile.
A re phuthego ya ga Kgosi Kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari III e e neng e tshwanetse go nna kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano e tlosolositswe ntateng ya tiragalo e.
Kgosi Morwaanare o tsene mo setilong sa bogosi Tlhakole a rogwa ka ngwaga wa 1992.
O tlogela mosadi le bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwane
Event : Phuthego
Date : 18 Jul 2019