Breaking News

Letsema le thata ka mong

17 Jul 2019

Baphaleng kwa Shoshong ba gakolotswe go tshwaragana le kgosi wa bone go senola le go tlotlomatsa  ditso tsa bone.

Mafoko ao a builwe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, kwa moletlong wa go tlhoma Kgosi Augustine Monamodi kwa Shoshong ka Matlhatso.

A re go botlhokwa gore morafe wa Baphaleng o tshwaragane le Kgosi Monamodi go sireletsa ditso tsa one.

A re tiriso ya maranyane e ka thusa thata gore ba kgone go amogana kitso ee ka thusang Kgosi Monamodi go bopa morafe oo nonofileng e bile o ikgantsha ka ngwao ya one. 

“Kgosi o tlhoka kemonokeng ya ba ba itseng go dira dipatlisiso le ba ba itseng ditso tsa morafe wa Baphaleng gore a kgone go tsepama mo tirong ya gagwe ya go etelela morafe,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.

Rre Makgalemele, yo gape eleng mothusa tona kwa lephateng la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, o rotloeditse Kgosi Monamodi go loga maano a go direla morafe. 

“A Modimo o thuse kgosi ya rona, a kgone go re direla tsotlhe tse a di akantseng go tokafatsa matshelo a Baphaleng.”

E rile a rola molaetsa o tswang kwa go mothusa tona kwa lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, Rre Makgalemele a re “kgosi ke mmabatho, rramolao le mogakolodi wa morafe, ka jalo o tshwanetse go fiwa tlotlo. Re itumela thata go bona bagolo ba Phaleng ba na le thulaganyo, ya go tlhoma Kgosi go sena dipharologanyo.”

 Molaetsa wa ga Mme Tshireletso o tlhalositse gore dikgotlhang tse di tsalwang ke go tlhoka motlhala o lolameng wa ba ba tshwanetsweng go amogana setilo sa bogosi o dira gore morafe o phatlalale, o sokola o sena moeteledipele.

Molalediwa wa tlotla kwa tirong eo, moemela kgaolo ya Mahalapye kwa Ntlong Ya Dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o supile gore Kgosi Monamodi ga a mosha mo tirong ya go laola morafe ka gore o berekile ka lebaka e le modirelapuso. 

“Ga a mosha mo tirong ya boeteledipele, nna ke fano go mo kaela tsela ya go dira tiro ya bogosi,” ga tlhalosa Kgosi Tshipe.

Kgosi Tshipe a re tiro ya konokono ee filweng Kgosi Monamodi ke go aga morafe. 

“Morafe o agiwa ke malwapa. Kgosi o tshwanetse a tlhomamisa gore malwapa a kgotla ya gagwe a bopaganye gore morafe wa gagwe o nonofe, o tshwaragane.”

Kgosi Tshipe a re go botlhokwa go nna le kagiso mo malwapeng. A supa fa mo dingwageng tsa maloba morafe o le ka fa tlase ga taolo ya dikgosi go ne go sena boitaolo le tlala. 

Le fa go na le diphetogo, Kgosi Tshipe o supile gore seo e seka ya nna seipato fa kgosi a palelwa ke go rotloetsa morafe go itirela.

O tsweletse a gakolola Kgosi Monamodi go ikaega ka borangwaneagwe le mephato gore tiro ya go etelela morafe e nne bonolo.  “Morafe o tshwanetse wa utlwa, wa obamela le go reetsa fa kgosi e epa pitso.”

Kgosi Tshipe a re puso e tshwenngwa ke botlhoka-tsebe, a tlatsa ka gore sengwe se se lemogilweng morago ga go dira dipatlisiso tse di neng di eteletswe pele ke Kgosi Puso, ke gore malwapa a dule mo tsamaisong ka jalo bana ba aloga mo malwapeng a sena tsamaiso ee ka ba agang gore ba gole ba na le boikarabelo.

 A re Kgosi Monamodi le morafe wa Baphaleng ba rwele boikarabelo jwa go ikaga, go rotloetsa mekgwa le ditiro tse di molemo tsa ngwao gore ba kgone go godisa bana ba ba nang le boikarabelo.

Mo mafokong a gagwe, Kgosi Monamodi a re o lemoga gore moeteledipele yo o tlhomameng o tshwanetse go dirisana le morafe. 

“Ke amogela tiro e ke e filweng ya go etelela morafe. Bogosi ke mpho ya Modimo, bo tlhwatlhwa kgolo, mme fa o ka bo lesa bo timela go ile fela jalo.  Bagaetsho setilo sa bogosi se a baba, mme fa o tsaletswe go se kotama ga gona kwa o ka se tshabelang teng, ke dumela gore nna le lona re tlaa kgona ka ketelelopele ya Modimo,” ga tlhalosa Kgosi Monamodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : SHOSHONG

Event : Moletlo wa go tlhoma kgosi

Date : 17 Jul 2019