Mokgatlho o tlakisa bagodi
17 Jul 2019
Banana ba mokgatlho wa Magodi ga-se Maboela kwa Kgagodi ba ne ba diretse bagodi moletlo wa dijo ka malatsi a boitapoloso.
Banana ba, ba ne ba tlotla batsadi ba bone ka go kopanela le bone dijo tsa motshegare mabaka e le go ba lemoga le go ba fa tlotlo e e ba tshwanetseng.
E rile a bua kwa moletlong oo, mothusa mokwaledi go tswa kwa lephateng la Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Nkagisang Reaitsanye, a supa fa se banana ba mokgatlho o o ba se dirileng e le thuto e tona mo setshabeng.
A re keletso ya lephata la gagwe ke go okela babeeletsi mono go tlhamela Batswana ditiro, mme Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le seabe mo dipeeletsong tse lephata la gagwe le didirang.
A re go ka nonotshiwa dikgwebo tse di potlana ka maranyane a se gompieno go di bapatsa.
Mme Reaitsanye a re mogopolo wa go tlhoma dikoporase ke sengwe se lephata la gagwe le se rotloetsang fela thata, a re seo se ka tokafatsa matshelo a banni ba Kgagodi le gone go godisa itsholelelo e e itsetsepetseng go tlhabolola matshelo.
Mme Reaitsanye a re go botlhokwa go somarela ngwao, go itshimololela dikgwebo le gone go dira ditlhamo tsa maboko le mmino, a supa fa lephata la gagwe le thusa ka madi a lekgetho le le kgethisiwang badiragatsi go tswa mo mafatsheng a a mabapi.
A re lebelo la dikoloi le dikuta le le itsiweng ka Mmantshwabisi le ya go nna ngwaga tse tlhano mo kgaolong ya bone, mme a ba rotloetsa go le ipakanyetsa mo ngwageng o o tlang gore le ba sologele molemo.
A re fela jaaka ba le mo kgaolong ya SPEDU le bone ba na le tshwanelo ya go inaakanya le dikgwebo potlana go dira madi ka nako ya mabelo a dikoloi.
Mme Reaitsanye o ne a leboga monana yo o inaakantseng le ditso tsa Kgagodi, a bo a dira ditsholofetso tsa go tsenya letsogo mo go kwalweng le go gatisiwa ga buka ya ditso tsa motse.
O ne gape a ikabela go tlhokomela sekole se sebotlana sa Kgagodi “ka lenaneo la puso la Adopt a school, fa godimo ga moo a ntsha P500 e le go simolodisa leeto la gagwe le sekole.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Magodi ga se Maboela, Rre Benjamin Sefako, a re ka go lemoga fa bagodi ba nna le bodutu jo bo feteletseng morago ga golatlhegelwe2 ke balekane, ditsela le bana, ba ne ba bona go le maleba go ba direla tiro e.
A re gape ka dinako tse dingwe bagolo ba gatelelwa ke maikutlo mme se se ba bakela malwetse aa akaretsang jwa sukiri, madi a matona le go latlhegelwa ke tlhaloganyo.
Bagodi ba ne ba gakolola ka ditso tsa motse wa bone le gore go tile jang gore e bo e le Batalaote.
Mokgatlho o, o ne wa supa fa keletso e le go agela bagodi lefelo le ba tlaa nnang ba ya go kopana teng le go ka tlhokomelo ba ba sa boneng tlhokomelo sentle.
Mongwe wa dibui, Mme Gaenamele Dingongorego o ne a bolela fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhae, a ba a re maoto a nong ke phofa ka jalo a kopa bagodi go tlhatlhelela banana ka ditso tsa Kgagodi gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go kwala buka.
A re seo se tlaa solegela dikokomane tsa motse oo molemo.
Mme Dingongorego o ne a kgala a menne phatla basadi ba a reng ba dule mo ngwaong ka go apara megagolwane a tlhalosa fa Ngwao ya sengwato bomme ba apara ditshale tsa letsela tsa makgabe a maleele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : KGAGODI
Event : moletlo wa dijo
Date : 17 Jul 2019