Breaking News

Mogolwane o lebogela dikomiti go rotloetsa botsogo jwa setshaba

16 Jul 2019

Mogolwane mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Mme Kentse Marope, o galaleditse maloko a dikomiti tsa boitekanelo tsa kgaolwana ya botsogo ya Tutume botlhaba go dira ka natla e.

O buile se kwa moletlong wa go abela maloko a dikomiti tseo ditlankana kwa Sebina bosheng.

A re dikomiti tsa botsogo di simolotse ka ngwaga wa 1978 kwa Russia morago ga gore lekgotla la mafatshefatshe la botsogo le lemoge botlhokwa jwa dikomiti tseo.

O boletse fa lekgotla leo le lemogile fa lefatshe la Russian le ne le nna le sengwe se se botlhokwa ka go lomagana le dikomiti go rotloetsa botsogo go tswa kwa moding.

O ne a supa fa komiti eo e lomaganya batho le badiri ba botsogo ka jalo seo se dira gore batho ba kgone go bona ditlamelo tsa botsogo ka nako, ka jalo a akgola metse ya Makuta, Nswazwi,Nshakazhobgwe, Sebina le Marobela go bo ba tshwere ka natla ka go rotloetsa botsogo.

A re maloko a dikomiti tseo a itshupile fa a na le kutlwelo botlhoko ka ba kile ba agela mongwe ntlo, ba agile masakana a go latlhelwang matlakala mo go one le go dirwa ga lefelo la ba ba nang le bolwetsi jwa kgotlholo e tona go gotlhelela teng.

O ne a gatelela ka gore seo ba ne ba  se dira ka mowa wa lerato le boithaopo le ntswa go sena phimolo dikeledi e ba e bonang.

Mme Marope o tlhalositse fa lephata leo la botsogo le ne la tswa ka mogopolo wa go leka go tla ka methale mengwe ya go ka thusa maloko ao gore ba kgone go oba letsogo fa ba ntse ba tshwere tiro ya bone ka jalo maloko a dikomiti tseo a ne a rutwa ditiro tsa diatla ka tiriso ya go busetsa matlakala mo tirisong.

O ne a ba kgothatsa go tswelela fela jalo le go tsaya malebela mo dikomiting tse dingwe tse di tshwananang le tsone tse di sa duelweng mme di tsweletse ka go tsabakela.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lekalana la botsogo kwa Tutume DHMT Dr Ntambwe Kajikayi o ne a leboga tiro e ntle e e dirwang ke dikomiti ka go leka go rotloetsa botsogo mo bathong  ntle le dituelo.

Dr Kajikayi o ne a ba kopa go tswelela ba direla setshaba ka mowa o le mongwe a ba kgotlatsa ka gore molemi o lema a le nosi mme maduo a akolwa ke ba le bantsi.

E rile a bua maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane wa baoki, Mme Chevula Gwafila a tlhalosa fa  ele  go lemoga  dikomiti tsa botsogo gammogo le  tshwaragano ya tsone le bodiredi jwa botsogo le boitekanelo tebang le ditiro tse ba di direlang setshaba ka mowa wa boithaopo.

A re gape letsatsi leo, le leka go nonotsha bokgoni jwa maloko a komiti tseo le ka fa ba ka kgonang maikaelelo a bone ka teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sebina

Event : Moletlo

Date : 16 Jul 2019