Breaking News

Motlhagodi o kopa baruti go rapelela Selebi Phikwe

16 Jul 2019

Moeteledipele wa makgotla a dikereke tsa semoya (OAIC) Mookami Tebogo Motlhagodi o kgothaditse baruti go go rapelela Selebi Phikwe ka seo se ka thusa go phunya metswedi e e ka tsosolosang itsholelo ya toropo eo.

O buile se fa a ne a etetse baruti ba dikereke tsa semoya kwa Selebi Phikwe bosheng. 

Mookami Motlhagodi o ne a supa fa selelo sa go tswalwa ga moepo wa BCL se ne sa ama batho ba le bantsi le dikereke mo baruti bangwe ba neng ba lebala thomo ya bone ya go itse fa thapelo e le seikokotlelo.

O ne a kgothatsa baruti go tsepama mo tumelong ka setshaba se lebile bone go ba golola mo malwetseng le dipogiso tsa lefatshe, a re ga ba a tshwanela go baya fela mo mapolotiking go dira ditlhabololo mme le bone seabe sa bone se tshwanetse go bonala. 

Mookami Motlhagodi a re, e le baeteledipele ba lemoga seabe sa dikerere ka dingwe di tsweletse ka go dira tiro e ntle ya go thusa setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Motlhagodi o ne a supa fa ofisi ya gagwe e tshwentswe ke dintwa magareng ga boeteledipele le dikomiti tsa dikereke mo dingwe tsa dikgang di setseng di le kwa makgotla tshekelo. 

O ne a kopa baruti go sala molao motheo morago ka e le one o ka ba kaelang se se tshwanetseng go dirwa, a re ba tshwanetse go tla ka mananeo a a ka agang setshaba go na le go se kgaoganya.

Kgosi wa kgaolwana ya Botshabelo, Kgosi John Seabe, o ne a supa fa leeto la ga Mookami Motlhagodi le tsile ka nako e e maleba morago ga go welwa ke seru sa go tswalwa ga moepo. 

Kgosi Seabe o ne a tlhalosa fa se, se ne sa ama matshelo a batho ba le bantsi mo bangwe ba ileng ba ikgapela matshelo, a supa fa dikereke di na le seabe se sentsi mo go fetoleng matshelo a batho ka fa semoweng le botshelo ka kakaretso.

 Kgosi Seabe o ne a supa fa seabe sa dikgosi se tshwana fela le sa dikereke go bona gore setshaba se tshela ka kagiso go sena makgwere.

Kgosi o ne a gwetlha baruti ba dikereke ba ba neng ba tsene bokopano go rapelela leuba, dikotsi tsa dikoloi le malwetse a apereng setshaba ka tumelo e le gore Modimo ke ene a ka emisang tse tsotlhe. 

Le fa go ntse jalo modulasetilo wa Sub Chapter kwa Selebi Phikwe Rev Gagobotswe Marumo o ne a re ntswa dikereke di le masome a marataro le botlhano, ke di le masome a mararo le bongwe fela tse di ikwadisitseng mo lekgotleng la OAIC.

Rev Marumo o ne a gwetlha dikereke tse di saletseng kwa morago go ikwadisa kwa lekgotleng gore lentswe la bone le kgone go utwala ba le mmogo jaaka ba lebanwe ke letlhoko la ditsha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Loeto

Date : 16 Jul 2019