Breaking News

Masisi o tlhatswa kgang ya bolope

17 Jul 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re maikaelelo a gagwe go ikaya ka mafoko a bolope mo phuthegong ya kgotla kwa Thamaga ka ngwaga wa 2011 e ne e le go sireletsa kgololesego ya setshaba.

Dr Masisi o buile jalo kwa bokhutlong jwa phuthego ya Botswana Democratic Party (BDP) kwa Mochudi Phukwi a tlhola malatsi a le lesome le boraro.

Tautona Masisi a re Batswana ba tshwanetse go lebogela gore o ne a intsha setlhabelo, selo se se dirileng gore e nne tautona. 

A re o ne a dira jalo gore a kgone go ikanngwa ke boetelepele jo bo fetileng gore kwa bofelong a bo a ka golola Batswana mo tsamisong e e neng e sena morero.

“A re seka ra etsa-etsisiwa ke tiriso ya mafoko a bolope ka go a tsaya jaaka a ntse, mme re lemoge fa a ne a buiwa ka maikaelelo a mantle a go baya lefatshe leno mo seemong se leleng mo go sone go re ke bo ke eteletse lefatshe la Botswana pele, eseng jalo re kabo re se fa re leng teng gompieno,” ga bua Tautona Masisi

 Dr Masisi o kopile setshaba go dira pharologanyo fa gare ga go nna lelope le go “latswa thipa” a supa fa bolope bo dirwa ka maikaelelo a  go fitlhelela sengwe mme mo seemong sa gagwe maikaelelo e ne ele go  direla Batswana bo molemo jwa go bona dilo di dirwa ka thulaganyo, therisanyo le morero go setswe morago tsamamiso e tlhaloganngwang ke bontsi.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Tautona Masisi o akgotse le go lebogela maloko a phathi ya Domkgrag go ipapaletsa ditlhopho tse di tlang ka mashetla.

“Le dira gore ke nne le tsholofelo le go nona pelo ka mathe ka fa ke bonang megopolo ya lona e tsepame mo ipapatsong ka teng. Ke fano go le goga mo ipapatsong e mashetla ya ga Domkrag mme ke fela fa re dira ka mowa o le mongwe re ka fenyang mewa e mebe ya bao ba ba sa rateng kagiso go ka fitlhelela phenyo ya  phathi ya  Domkrag,” ga buwa jalo Tautona Masisi.

O tsweletse a gakolola maloko a BDP go tlhaloganya fa ba falotse ka bobi jwa segoko mo ditlhophong tsa 2014 ebile go dumelwa fa katlego ya BDP e thusitswe ke go sa tsena mo bokopananong jwa diphathi tsa kganetso ke ya BCP. 

Dr Masisi a re mo ditlhophong tse di tlang BDP e tlhoka phenyo ee tseneletseng.

Ka jalo Tautona o kopile gore ipapatso ya  BDP e nne mashetla mme e seka ya leswafadiwa ka dikgang dipe tse di sa bopeng setshaba. 

O ikuetse mo go bo ntlhopheng go nna le bokao jo bo ka thusang go ba rekisa le go tlotla maitlamo a se phathi e dumelang mo go sone. O tsweletse gape ka go kgothatsa bo ntlhopheng go re ba se kgojwe marapo ke kgang ya tlhaelo ya madi, mme ba dire gotlhe mo banang nago go lwela phenyo e bile ba amogela seabe se phathi e thusitseng ka sone go nonotsha ipapatso.

Dr Masisi o tsweletse a gakolola maloko a BDP gore ba se ntshiwe mo seporong ke ipapatso ya ba  kganetso segolo jang ba lekgotla la Umbrella for Democratic Change (UDC) ka ditsholofetso tse di sa iseng Batswana gope. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya BDP

Date : 17 Jul 2019