Banni ba Chanoga ba amogela maiteko a sepodisi
16 Jul 2019
Moeteledipele wa lenaneo la sepodisi la Kgomokhumo IV, Senior Superintendent Ineeleng Lesikawe, o kopile banni ba Chanoga le metse e e mabapi go ba thusa ka dintlha tse di ka nolofatsang ditlhotlhomiso mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo.
O buile se fa lekoko le le akaretsang kgaolo ya Ngami le ya Ghanzi le ne le ile go ipega le go tlhatlhelela banni ka dikgang tsa go fema borukutlhi kwa Chanoga bosheng.
Rre Lesikawe o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go sala kgang morago go fitlhelela mmelaelwa a atlholwa.
Mogolwane o ne a kopa morafe o o neng o tsene pitso e, go ba loma tsebe ka sepe fela se ba belaelang se amana le bogodu jwa leruo, a ba rotloetsa go se boife ka maina a bone a sireletsegile.
Moeteledipele yo, o ne a supa fa ba gorogile mo kgaolong mme a kopa tirisanyo mmogo le botsadi gore tiro ya bone e nne bonolo.
A re tirisanyo mmogo le lekoko le e botlhokwa, ka le tlhamilwe go thusa banni ka ba ne ba lela ka borukutlhi jwa leruo.
Rre Lesikawe o ne a solofetsa morafe gore ba tlaa itepatepanya le borukutlhi jwa leruo.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Oateng Setlhodi yo o tshwentsweng ke bogodu jwa leruo, o ne a akgolela lekoko le go ba tswa mokgosi.
A re dikgang tsa borukutlhi ga di wela sentle ka ntlha ya bosupi jo bo sa nonofang a supa fa gape bangwe ba na le mokgwa wa go tsholola dikgang.
Kgosi Setlhodi a re bangwe ga ba bege ditiragalo ka ba re ba kgobiwa marapo ke gore badiramelato ba ya kgolegelong fa batswasetlhabelo bone ba sa boelwe ke sepe.
O ne a supa fa a le bete se molangwana gore lekoko le tsile ka paka e e seng yone a re mo gompienong barui ga ba tlhatlhele leruo.
Monni wa motse, Rre Odiegile Pontsho o ne a eletsa gore e kare lekoko leo le ka bulelwa ofisi ya sennelaruri kwa Chanoga gore ba akole dithuso gaufi.
A re o lemogile fa banni ba felela ba tsena mo mathateng ka ntlha ya go tlhaela kitso le thuto a re se ba se rutilweng se tla ba bula matlho mme ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.
“Re le banni re itse dirukutlhi tse di re kgokgontshang mme re ntse ba tshaba go loma mapodise tsebe.”Rre Pelosera Ngande le ene o ne a supa fa ba ntse ba nyoretswe Kgomokhumo ka ba ne ba ntse ba e utlwalela ko mafelong a mangwe e bile ba e tswela pelo ka e ne e heela borukutlhi.
A re ke boammarari gore e le barui ba ntse ba sa sale tsamaiso ya theko le thekiso morago mme a supa fa ba rutegile jaanong e bile ba tla ruta le ba bangwe.
Rre Talhego Ngakaefe o supile fa bangwe ba utswa dikgomo tsa ba bangwe ba ikantse gore ba tla a dirisa dingaka tsa setso go nyeletsa dikgetsi tsa bone.
O ne a kopa gore katlholo ya ba dira molato e sekasekiwe ka maikaelelo a go okediwa a supa fa dingwaga tse tlhano di sa ba kgotsofatse.
O supile gape fa bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke mapodise mangwe a a reng a itsalantse le dilalome mme fa ba begelwa dikgetsi ba goga dinao fela ka ba leka go sireletsa ditsala tsa bone.
Banni ba Chanoga le metsana e e mabapi ba ba neng ba phophoma ka boitumelo ba amogetse lekoko leo mo kgotleng ya Chanoga ka diatla tsoopedi ba bo ba le solofetsa fa ba tsile go ba ema nokeng go netefatsa gore tiro ya bone e nna motlhofo le gone go ntsha maduo a a eletsegang.
Lekoko leo le thibeletse kwa Chanoga mme le tlaabo le itebagantse le kgaolo ya Ngamiland yotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Chanoga
Event : Pitso
Date : 16 Jul 2019