Breaking News

Molaodi o akgoletse Baherero go tshegetsa ngwao

16 Jul 2019

Morafe wa Baherero o dira go le gontsi go tshegetsa ngwao ya one.

Se se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Ramogaupi Gaborekwe, kwa moletlong wa ngwao ya Baherero wa Otjiserandu kwa Tsau Phukwi a tlhola malatsi a le lesome le boraro.

Moletlo o, wa ngwaga le ngwaga, o tshwarwa go ipelela ngwao ya Baherero le segopotso sa bagaka ba morafe oo ba ba neng ba bolawa mo dintweng tsa Baherero le Majeremane.

Rre Gaborekwe a re go a itumedisa go bo Baherero ba tshegeditse ngwao.

A re ngwao ke sekao sa tuulalo le mo nakong ya dikgoberego a bo a akgola mokgatlho wa Otjiserandu o o sale o tlhamiwa mo dingwageng tsa 1904 kwa Namibia mme morago wa tla Botswana.

Rre Gaborekwe o kgothaditse Baherero go tswelela ka go tshegetsa ngwao le gore moletlo wa bone o simolole go lemoga dingwao tse dingwe tsa Botswana.

Mongwe wa maloko a Otjiserandu mo Botswana, Rre Kapeua Kaurika a re mokgatlho wa bone o tswa kgakala mme o kile wa phutlhama o bo o tsosolosiwa ka 2004.

Rre Kaurika a re mokgatlho o nnile teng ka thotlhoetso ya bogosi jwa Baherero kwa Namibia gore mo Botswana ba nne le segopotso sa bagaka ba bone ba ntwa.

Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Kaukua Kuhanga, ene o kaile fa mokgatlho o itebagantse le go tshegetsa ngwao ya Baherero.

O kgothaditse Baherero gore ba tswelele ba rute bana teme ya bone, a re go itse teme ke gone mmangmang ya go tshegetsa ngwao.

Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau o ngongoregetse kwelotlase ya ba tsena moletlo ka go bo bangwe ba tshwerwe ke ditiro tse ngwe.

O tlhalositse fa dintlha dingwe tse di tlwaelesegileng tsa moletlo jaaka go palangwa ga dipitse le go tsamaya sesole (drills) di sena go nna teng ka ntlha ya go bo palo e ntsi ya batho e seyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Tsau

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 16 Jul 2019