Breaking News

Matlwana a boitiketso a setshaba a tlaa baakanngwa

11 Jul 2019

Khansele-potlana ya Mahalapye e mo lenaneong la go baakanya matlwana a boitiketso a a kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba.

Mo potsolotsong, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko, Rre Goratileone Kgwadu o supile fa matlwana ao a se mo tirisong.

O boletse fa khansele e ne ya emisa tiriso ya matlwana ao morago ga go itemogela tshenyo e e dirilweng mo go one.

Rre Kgwadu a re mo nakong eno, khansele e mo letsomong la madi a go shafatsa matlwana ao, go leka go a busetsa mo seemong sa go ka dirisiwa ke setshaba.

Le fa go ntse jalo, a re sengwe se se tshwenyang ke go bona bangwe ba tsweletse ka go ithomela ka fa morago ga matlwana ao.

Rre Kgwadu a re go dira jalo go leswafatsa tikologo e bile go a fatlha mo matlhong a setshaba.

O supile gore e tlaa re morago ga go shafadiwa a bapadiwe gore bangwe ba tsee boikarabelo jwa go a tsamaisa jaaka e ntse e le tlwaelo, e bile e le tsela nngwe ya khansele go dira letseno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 11 Jul 2019