Ikgapheng mo dikotsing tsa tsela
11 Jul 2019
Mookamela mapodisi a pharakano a Tsabong, Assistant Superintendent Itumeleng Maruru o gakolotse setshaba go iphemela mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a boitapoloso a ga Tautona a a tlang beke e e tlang.
Assistant Superintendent Maruru o boleletse BOPA mo potsolosong bosheng gore ditshekatsheko di supa fa bontsi jwa bapalami ba amega mo dikotsing tsa tsela, bogolo jang banana.
O ne a tlhalosa fa mapodisi a pharakano a tshwaraganye le ba sesole ba setse ba eme malala a laotswe jaaka gale ka go dira dikganedi tsa tsela go simolola kgwedi eno e le lesome le bobedi go fitlhelela e le lesome le bosupa mo kgaolong ya Tsabong go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile.
O ne a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe le gone go ikhutsa fa ba lapile go hema dikotsi.
Assistant Superintendent Maruru o ne a gakolola bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng ya Tsabong-Kokotsha ka e le tshesane, e le dikhuti, le gore gantsi loruo lo gobea mo go yone ka e sa teratelelwa.
O boletse fa gape mapodisi ba tlaa bo ba etse tlhoko gore beng ba dikgwebo tsa bojalwa ba tswala le go bula ka dinako tse di beilweng.
A re ope yo o tlaa tlolang molao oo, o tlaa di gama a sa di tlhapela.
Assistant Superintendent Maruru o ne a supa fa ba tshwenngwa ke bakgweetsi, bogolo jang banana, ba ba kgweetsang ba sena diteseletso, ga mmogo le ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino.
O ne a kopa batsadi go emisa go neela bana dikoloi ba sena diteseletso tsa go kgweetsa.
Rre Maruru o ne gape a gakolola setshaba go tlogela bangwe mo malwapeng go sala ba tlhokometse le gone go dirisa lenaneo la ‘ntebela ke go lebele’ ka le ka ba tswela mosola.
Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Maruru, yo gape e leng mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, o ne a tlhalosa fa gape komiti ya ipabalelo tseleng e tlaa bo e boloditse letsholo la go ruta setshaba ka go ikgapha mo dikotsing tsa tsela mo maemelong a dikoloi tsa setshaba le kwa dikgaisanyong tsa mabelo a dipitse kwa Kokotsha a a tlaa bong a tshwerwe kgwedi e no e le lesome le botlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 11 Jul 2019