Tikologo e e phepa e tsamaisana le botsogo jo bo siameng
10 Jul 2019
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse a re tikologo e e phepa e tsamisana le botsogo jo bo siametseng banni ba yone.
Rre Autlwetse, yo gape e leng mopalamente wa Serowe Bokone, o buile jaana fa a ne a abela metse le dikgaolwana tsa kgaolo ya gagwe madi, dikopi tsa dikgaisanyo le ditlankana tsa ba ba dirileng botoka mo go phepafatseng metse ya bone Phukwi a tlhola malatsi a robabongwe kwa Serowe.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa madi ao e se a puso, a ne a kopile dithuso mo bagwebing bangwe jaaka World Group of Companies.
A re o simolotse tiro e ka 2016, a bona dithuso go abela bana botlhe ba dikole tse dipotlana mo kgaolong ya gagwe paka ya sekole.
Mo bogompienong, a re ba tsweletse ka go mo thusa go abela metse e e phepa.
Mopalamente Autlwetse o boletse fa a ne a dira jalo go leboga batlhophi go bo ba ne ba mo tlhophile ka dipalo tse di kwa godimo.
O boletse fa mongwe le mongwe yo o tsayang boeteledipele, a tla ka mananeo a gagwe gore o ya go tlhabolola batho jang, fela jaaka Tautona wa gompieno le wa maloba.
O kopile dikomiti tsa ditlhabololo go tlhokomela madi ka e le a setshaba a bo a supa fa maikaelelo e le go tshwara dikgaisanyo ngwaga le ngwaga.
Rre Autlwetse o kgadile magatwe a a reng Ipelegeng e tlaa emisiwa, a tlhalosa fa e santse e tlaa tswelela.
Modulasetilo wa kgaolo-potlana ya khansele ya Serowe, Rre Mpho Kooreme le ene o gateletse botlhokwa jwa tikologo e e phepa mo matshelong a batho.
Mokhanselara Kooreme o boletse fa go busetsa matlakala mo tirisong go ka tlhama mebereko.
Ba boipelego ba ne ba tlhalosa fa metse e ne e atlholwa go lebilwe bophepa, leswe fa tlase ga ditsela, mo dikoleng, dikgotlana, mafelo a a senang sepe fa gare ga motse, go kgaola ditlhare le gore a dikomiti tsa metse tsa phapafatso tikologo di bereka ka bongwefela jwa pelo.
Se sengwe e ne e le go leba gore a mahuti a matlakala a siame le gore a go na le dikaedi tse di supang kwa a leng teng le tse di gakololang gore ga go latlhelwe matlakala mo felong a a sa tshwanelang.
Kgotla ya Swaneg e ne ya gapa maemo a ntlha mme ya ikgapela P4 000, setlankana le kopi, ya longwa serota ke Newtown ka P3 000, ga latela Tidimalo ka P2 000 fa Motetshwane e ne a bona maemo a bone ka P1 000.
Metse e e kwa ntle ga Serowe; Tshimoyapula o ne a ikgapela P4 000, setlankana le kopi, a latelwa ke Mabeleapudi ka P3 000, Majwanaadipitse ka P2 000 wa bone ya nna Paje ka P1 000. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Kabo dimpho
Date : 10 Jul 2019