Itshidilo e thusa ka boitekanelo jwa mmele le tlhaloganyo
10 Jul 2019
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Central kwa Serowe, Mme Angelinah Ogotsetse a re go le ga ntsi ga ba kgone go itshidila ka baabo ba lebeletse tiro ya sekole.
O ne a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele kwa sekoleng seo.
Mme Ogotsetse a re A re go itshidila go thusa mmele go itekanela le tlhaloganyo go iketla, a tlhalosa fa motho yo o itshidilang, a sa tshabelelwe ke malwetse.
Mme Ogotsetse a re fa barutabana ba itekanetse, maduo ga a ke a wela tlase ka gore ba nna teng botlhe ka nako ya tiro go sena yo o ikopelang go ya bongakeng.
Mme Koketso Tlhabologang go tswa kwa lephateng la thuto kwa Serowe o tlhalositse fa letsatsi la itshidilo mmele le le botlhokwa ka le mohiri a le letlelela.
A re motho fa a sa itekanela mo mmeleng le mo tlhaloganyong ga a kake a ntsha maduo a mantle mo tirong.
Moruti Benjamin Ntsayakgosi a re gore mmele o nne o itikanetse, motho o tshwanetse go phakela a tshematshema le go tsenelela dithuto tsa itshidilo mmele.
O rotloeditse kgolagano le ba bangwe kana go itshidila ka setlhopha go itsa go itsapa fa motho a itshidila a le nosi.
Moruti Ntsayakgosi o kgothaditse bana le barutabana go nna ba tsamayatsamaya mo sekoleng go nnela ruri fa fatshe ka gore go ka ba bakela makoa.
Molalediwa wa tlotla, Rre Tshepo Tsalaile go tswa kwa Letshego a re go itshidila ga go tlhoke lefelo le letona ka le mo kamoreng motho o kgona go itshidila.
A re go tshelela mo dikolotong, motho o nna a tshwenyegile maikutlo mo a felelang a tsenwa ke malwetse a pelo.
A re Letshego e bone go le botlhokwa gore e ba adimisa madi, ba rute le ka go a boloka ka go dira jalo go ka fokotsa go ikopa ga badiri go ya dipateleng ka ba tlaa bo ba sa gatelelwa ke maikutlo a go tlhoka madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : Serowe
Event : Tsatsi la itshidilo mmele
Date : 10 Jul 2019