Mosadi thari ya setshaba - Moruti
10 Jul 2019
Mookamedi wa kereke ya Presby Terian Apostolic Church in Zion, Archbishop Kgomotso Seakolo a re mosadi ke thari ya setshaba, ka jalo o tshwanetse go tshwarwa ka matsetseleko a bo a tlotlwa ka jaana ke ene a belegang a bo a godisa.
Rre Seakolo o buile mafoko a fa a ne a tlhoma Mme Keikotlhae Tlhatseng mo maemong a bookamedi jwa kereke ya Savior Apostolic Church mo Kanye bosheng.
Mme Tlhatseng o ne a bewa mo maemong ao ka jaana a ne a tshegeditswe ke rre wa gagwe yo o tlhokafetseng ka 2016 mme maloko a kereke eo a bone go tshwanela gore a a neelwe ka jaana ba itse fa a ka a kgona ka e le motho yo o pelotelele e bile a le lorato.
Bishop Seakolo o gakolotse Mme Tlhatseng gore maemo a a tsenang mo go one ke kgwetlho, a bo a mo kopa go iphutha le go itshekatsheka gore a tle a tlhaloganye gore maemo a a tlhoka eng.
A re maemo a, a tlhoka motho yo o pelotelele, a le lorato e bile a itse go tshwara batho ka tekatekanyo.
Bishop Seakolo a re go tlaa tla batho ba ba siameng le ba ba sa siamang kwa go ene mme a tlhalosa fa a tshwanetse go ba tsaya fela ka go tshwana.
Rre Seakolo o kopile phuthego go tlotla Mme Tlhatseng a ba a kopa baokamedi go mo sireletsa e seng go mo ela tikwane.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa ga Kebuang mo Kanye, Mme Kopano Pasela o ne a bolela fa Mme Tlhatseng e le kwankwetla e bile e le sejana se se botlhokwa.
O ne a kopa baruti gore ba seka ba ratana le bana ba phuthego.
A re go dira jalo go thuba kereke e bile go ka dira gore bana ba kereke ba seka ba tlotla baruti.
O kopile Mme Tlhatseng gore e nne mme wa motia. A re fa phuthego e bua ka ene a seka a e atamela ka gore o ka tla a utlwa matlhotlhapelo mme ga ama tumelo ya gagwe.
Fa a amogela thomo, Mme Tlhatseng o ne a re o tlaa dira sengwe le sengwe fela jaaka batsadi ba mo laile. A re tota mme o sale a laetswe phuthego ke monna wa gagwe a sale botshelong.
A re monna wa gagwe o ne a mo raya a re a seka a dira metlae ka o ka tloga a palelwa ke go kgalemela baphuthegi fa ba dule mo tseleng.
Mookamedi wa kereke eo go tswa kwa Tshidilamolomo, Rre Justice Maiketso o ne a bolela fa kereke e e simologile ka 1998 e tswa kwa go ya Saviour Department ya tloga ya nna Saviour Church.
A re e simolotswe e bulwa kwa Mabutsane pele ga e anama le dikgaolo tse dingwe.
O tlhalositse fa mookamedi wa pele a ne a tlhokafala ka 2016 ka Mopitlo mme ba sala fela ba sena dikgogakgogano ba na le mohumagadi wa gagwe a ba goga.
A re ke sone se ba boneng go le maleba gore ba mo neele maemo a monna wa gagwe.
A re ba dira se ba lebeletse gore lefoko la re bobedi e tlaa nna bongwe.
A re o dumela gore o tlaa kgona ka gore ke motho yo o pelotelele.
Rre Maiketso a re Mme Tlhatseng ga se mosadi fela, ke motho yo o laolang lelapa la gagwe e bile ke motho yo o ikobelang mongwe le mongwe.
Kgosana wa ga Kebuang, Rre Kgabosebele Kgatlane o ne a lebogela go bona ba kereke ya Saviour ba neela Mme Tlhatseng maemo a monna wa gagwe.
A re se ba se dirang ke yone tlhakanelo dithoto tota.
Kgosi Kgatlane o ne a kopa phuthego ya kereke eo gore yo a nang le lekgarebe kgotsa lekau mo kerekeng a mo nyale ka fa molaong ba seka ba nna mmogo ba sa nyalana.
O ne gape a bolelela Bishop Tlhatseng gore o tlaa bidiwa maina a le mantsi mme a amogele fela.
A re fa a palelwang teng a kope thuso mo baruting ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Kanye
Event : Moletlo
Date : 10 Jul 2019