Ditshupo tsa Lentsweletau di goga ka thata
10 Jul 2019
Ditshupo tsa kgaolo ya Lentsweletau di wetse tlase monongwaga ka ntlha ya dipula tse di boutsana.
Ditshupo tse, tse di neng di tshwerwe ka Matlhatso, di ne di sena disupiwa ka bontsi mo mehameng yotlhe ya temo le ya thuo fa go tshwantshanngwa le ngogola ntswa le one e ne e le ngwaga wa leuba.
Fa godimo ga moo, morafe le one o ne o sa tshologela ditshupo tseo ka dipalo tse di nametsang.
Fa a bula ditshupo tseo semmuso, mookamedi wa moepo wa magala wa kompone ya Minergy Limited kwa Sojwe, Rre Martin Bartle, a re go a bonala tota gore ngwaga ono wa temo o ne o se monamagadi ka disupiwa tse di leng teng boleng jwa tsone bo le ko tlase.
O tsweletse a supa gore e re ntswa kgaolo ya Lentsweletau e supilwe fa e ka nna boremelelo jwa temo ya mabele le sika loo nawa, go a bonala gore balemi ba kgaolo ga ba leme dijwalo tseo mo go kgotsofatsang ka di ne di sa supiwa mo tse di lerilweng kwa ditshupong.
A re lengwe la mabaka a a itsang balemi go jwala dijwalo tseo ke gore ga gona babereki mo masimong a tlatsa ka gore dijwalo tseo, di mmereko o montsi.
Ntleng le dikgwetlho tseo, Rre Bartle o kgotlhaditse balemi go dirisa metlhale e mesha e e tlhabolotsweng ya temo go itepatepanya le seemo se se sa iketlang sa loapi.
A re ba ka tokafatsa maduo a temo ka go dirisa mananeo a a teng a puso a tshwana a ISPAAD, go teratelela masimo le a mangwe.
Le fa go ntse jalo, Rre Bartle o tlhalositse fa balemi ba feta sekete le makgolo a mararo mo kgaolong ba setse ba dirisitse lenaneo la go teratelela masimo mo ngwageng wa temo wa 2018-19.
A re go lemile batho ba ba fetang dikete tse tharo le makgolo a mabedi mo diekereng se di fetang dikete di le lesome le bone le makgolo a supa.
A re se se tlhoka go iteelwa legofi ka e le maiteko a a tseneletseng go lebilwe dikgwetlho tse di aparetseng balemi.
O ne a kgothatsa balemi-barui go baakanyetsa paka e e tlang ka go dirisa didirisiwa tse di maleba.
O galaleditse komiti e e baakanyetsang ditshupo go bo ba dirile tiro e ntle ya go rulaganyetsa ditshupo tsa monogwaga.
E rile a tshwaela ka dishupo Kgosi Motswasele Kgosidintsi a kaya fa balemi ba kgaolo ya Lentsweletau ba le maoto a tshupa go tsaya karolo mo ditshupong.
A re bontsi jwa balemi go tswa dikgaolong tsa Kopong, Gakuto, Mmatseta, Kgope le tse dingwe tse di mabapi ga ba tsenye letsogo mo ditshupong tsa kgaolo.
O rotloeditse banni ba kgaolo go tsaya ditshupo tse ka tlhoafalo.
Le fa go ntse jalo, o lebogile balemi-barui ba ba kgonneng go tsisa disupiwa a re ba tshware ka thata.
Modulasetilo wa komiti ya ditshupo Mme Mable Kgabung le ene o ne a re lebaka la gore go bo go sena disupiwa ke go tlhoka pula.
A re ba kgonne go bona mabele a se kae fa mmidi le dinawa di ne di seyo gotlhelele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Lentsweletau
Event : Ditshupo
Date : 10 Jul 2019