Banni ba Molepolole ba ngongoregela tiego ya ditlhabololo
10 Jul 2019
Banni ba Molepolole ba supile fa ba sa jesiwe diwelang ke tiego ya ditlhabololo go tla mo motseng wa bone.
Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Borakalalo e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone, Rre Mohammed Khan Phukwi a le malatsi a robabongwe.
Bontsi jwa banni ba supile fa ba sa itumelele tiego ya ditlhabololo di akaretsa go gokelelwa ga metsi, kgopo ya metsi a a leswe, kago ya tsela le kago ya ofisi ya mapodisi.
Banni ba re tiego ya ditlhabololo tse e ba baya ka fa mosing le go ama maiteko a bone a go tlhama dikgwebo gammogo le go itsa babeeletsi go tla go gweba mo Molepolole go ba tlhamela mebereko.
Banana bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka ditsamaiso tse di batlwang go kopa madi a banana ka jaana ba kgona go batlwa lefatshe le didiba ntswa lephata la kabo ditsha le le maoto a tshupa go baya ditsha.
Mongwe wa banana, Rre Boiki Ditlhobolo ene o ne a re ga a kgotsofalele tsamaiso e e dirisiwang go ikopela madi ka jaana e tlhaetsa bokgoni jwa bone.
“Re le banana ga re kgone go akola mananeo ka gore ga go motlhofo go tlatsa difomo tsa go kopa madi, segolo jang fa motho a sa itewa seatla, gape re batlwa gore re bo re na le ditsha fa re direlang dikgwebo teng ntswa ditsha di tsaya lebaka go bewa, selo se se ka nyemisang motho moko,” ga bua Rre Ditlhobolo.
E rile fa a rola tekodiso, Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahommed Khan a re dikgang tsa ditlhabololo tse banni ba lelang ka tsone ke tse bontsi jwa mapalamente a a fetileng a lekileng go di lwantsha mme go se nko e tswang lemina.
Rre Khan a re le fa go ntse jalo, o tlaa tswelela a latedisa go netefatsa gore ditlhabololo di a goroga.
A re nngwe ya tse di ba paledisang go latedisa dikgang tsa tiego ya ditlhabololo tse ke go kabakanngwa ga matona mo maphateng.
“Ke le solofeditse go ya go batlisisa gore ke eng tshwanelo ya go tsisediwa ditlhabololo e sa diragadiwe, dikgang di a re ketefalela ka jaana fa o neetse tona wa lephata kgang, ga o kgone go e tsweledisa sentle, sebe sa phiri e le gore go tsile tona yo mosha,” Rre Khan a tlhalosa.
Rre Khan o ne a rotloetsa morafe go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane ka jaana e le yone tsela ya go itse ka tse di amang matshelo a bone.
O ne a solofetsa banni fa a le mo thulaganyong le bangwe ba mafatshe a sele go tla go ba rutuntsha ka methale e e tlhabologileng ya go gweba le go itshetsa ka tiro ya diatla go leka go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gosaitse Ditsele
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Jul 2019