Gala o rera ipabalelo tseleng
10 Jul 2019
Ka go twe boitemogelo bo ruta magokonyane a botshelo se se lemotshega mo botshelong jwa ga Rre Knowledge Gala yo o kileng a amega mo kotsing ya tsela.
Fa e sale lone letsatsi leo, Rre o tsibosa badirisi ba tsela ka go dirisa tsela ka kelelelo go hema dikotsi tse di felelang di gapile matshelo.
Fa a kgothatsa banana ba bakgweetsi kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba sepodisi sa Botswana kwa Maun bosheng, Rre Gala o ne a re kgang ya ipabalelo tseleng e tlhoka go tsibogelwa ka e ama matshelo.
Ba sepodisi ba rulagantse bokopano jo ka ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo, bogolo jang a banana.
Rre Gala yo e leng mokgweetsi wa taxi a re o lemogile fa bakgweetsi bangwe, bogolo jang ba ba rwalang setshaba ba kgweetsa ka bofafalele ba tsenya matshelo a bapalami mo diatleng tsa bone.
Rre Gala wa ngwaga tse di masome mararo le boferabobedi o ne a amega mo kotsing ya tsela ka 2008.
O tlhalosiste fa ba ne ba tswa kwa Savuti le Modoro ka tsa tiro, mme ka go tlhoka lesego koloi ya bone ya wela mo khuting ya bo ya felela e pitikologile.
A re o ne a bona dikgobalo tse di masisi ka a ne a robega ditlhaa a bo a robadiwa ka lobaka mo dikokelong ka go farologana.
O tlhalositse fa a ne a sa kgone go ja mme a tlamelwa ke ba bongaka go fitlhelela ka 2012 seemo se tokafala.
Mokgweetsi yo o ne a re ka mabaka a botsogo, o ne a patelesega go tlogela tiro mme batsalwa-le-ene ba mo rekela taxi gore a kgone go itshetsa.
A re ga a itumedisiwe ke ka fa bakgweetsi ba sa rekegeleng ba bangwe ka teng le one matshelo a batho tota.
O ne gape a supa fa batsamayang ka dinao le bone ba na le seabe mo dikotsing tsa tsela, bogolo jang ka ba sa dirise makgabaganyo a tsela sentle.
O tlhalosa fa koloi e kgona go retelelwa ke go ema.
A re kwa Maun ke se segolo ka jaana bakgweetsi ba ditaxi ba ikgweeletsa fela.
Dibui ka go farologana di ne tsa kopa banana go fetola dikakanyo tsa bone ka go lemosegile fa ba rata dikoloi tsa lobelo e bile ba rata go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi mme ba rotloediwa go leba koloi e le sedirisiwa se se ka bolokang botshelo.
Mogolwane wa Motor Vehicle (MVA) Fund, Rre Cecil Mosojane o boletse fa ipabalelo tseleng e simolola ka mong wa koloi mme a e fitisetse kwa go ba bangwe.
A re e le ba-tsaya karolo mo go tsa ipabalelo tseleng ba tshwenyegile thata ka dikotsi tsa tsela.
Modiri wa MVA o ne a tlhalosa fa go sena beke e e fetang go sena kotsi mme a ikuela mo bananeng ga mmogo le Batswana ka kakaretso go obamela matshwo a tsela ka dinako tsotlhe.
Rre Mosojane o ne a gatelela botlhokwa jwa banana go di goga kwa pele mo go anamiseng melaetsa ya ipabalelo tseleng.
A re seo se ka dira pharologanyo ka lefatshe le wetswe ke seru. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 10 Jul 2019