Breaking News

Kereke e tlhoafaletse go kokoanya madi

09 Jul 2019

Kereke ya Assemblies of God mo Molepolole e a tshematshema e rulaganya metseletsele ya meletlo ya go kokoanya madi.

Maikaelelo ke go aga ntlo ya kobamelo e e solofetsweng go lopa P12 million.

Kago eo, e e solofetsweng go amogela batho ba ka tshwara dikete tse tlhano, e tlaa nna le diofisi di le mmalwa tsa ditirelo tse di faloganyeng.

Fa a rola semmuso setlhopha sa borre ba le bane le mme, ba e yang go nna bone barotloetsi ba tiro eo kwa moletlong wa selalelo kwa kerekeng eo bosheng, Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o ne a akgola maikaelelo ao, a re a nitame go ka thusa go godisa tatedi ya kereke ka go fetola tebego ya dikago tsa yone.

Kgosi Kgari o ne gape a leboga le go kgothatsa baithaopi bao mo go thuseng go tsibosa setshaba ka maikaelelo a go ngokela kereke kemo nokeng ya go ka lemogwa le go ka bona dithuso tsa go diragatsa toro ya yone.

A re le fa go na le Basamarea ba ba molelo mo ba itlamang go thusa mo boememong jwa kereke, maloko a tshwanetse go lemoga fa e le boikarabelo jwa one go di goga kwa pele go netefatsa go re toro e a diragala.

“A re seka ra solofela go direlwa jaaka nama, mme re itse fa e le boikarabelo jwa rona go diragatsa Setswana se se reng letsema le thata ka mong wa lone,” ga gakolola Kgosi Kgari.

O ne a kopa maloko gore ditiro tse di molemo di simolole ka one ka go abela thulaganyo eo.

“Botlhokwa jwa go nna le dikago tse di phuthologileng tsa dikereke re bo lemoga gangwe le gape mo diemong di tshwana le tsa dibetso tsa tlholego fa dikereke di dirisiwa go nna mafelo a botshabelo,” Kgosi Kgolo a tlhalosa.

Kereke ya Assemblies, e e neng e itsege thata ka leina la Kamo-le-Kamo, e simolotse ka dingwaga tsa bo 1960. E solofetswe go tshwara letsatsi la ngwao kgwedi e e tlang e tlhola gane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Moletlo wa selalelo

Date : 09 Jul 2019