Breaking News

Ditlhopha tsa kgwele di thusa ka madi a mmele

09 Jul 2019

Mme Tebogo Lebang wa kokelo ya Sekgoma Memorial kwa Serowe a re dikokelo tsa Botswana di tlhaelelwa ke madi a mmele.

O buile jaana ka Matlhatso fa balatedi ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao ba Township Rollers, Miscellaneous, Notwane le Mochudi Centre Chiefs ba kopane kwa Serowe go aba madi a mmele.

Mme Lebang o lebogetse batsamaisi ba ditlhopha go kokoanya balatedi ba ditlhopha go aba madi a mmele a bo a ba kopa go tswelela ba dira jalo ka gore ntle le one, botshelo ga bo yo.

A re bontsi bo tlhoka madi mme a a tlhaela.

O supile fa ba beetswe seelo sa gore ba bo ba na le dipaente tsa madi di le 45 000 mo mabolokelong ka ngwaga, mme a re seo ga se kgonege ka gore Batswana ga ba abe madi a mmele.

A re ka 2015 go ne ga nna botoka ba bona dipaente di le 27 000.

Mme Lebang a re fa molwetse a tlhoka madi, fa a seyo ga gona botshelo e bile ga gona se se ka dirisiwang boemong jwa one.

A re motho yo o nnang a aba madi, ga a tshabelelwe ke malwetse a atshwanang le kankere gape o nna a itekanetse ka nako tsotlhe mme gape a thusa thata bomme ka nako ya pelegi le ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.

Morulaganyi wa letsatsi go tswa kwa setlhopheng sa Gaborone United, Rre Tshepo Watlala o tlhalositse fa moono wa letsatsi e le go tsibogela boikuelo jwa dikokelo le go tsosolosa botsala fa gare ga balatedi ba ditlhopha ka go farologana mo Serowe.

A re e le balatedi ba ditlhopha, ba tshwanetse go emana nokeng le go etleetsa ditlhopha tse dingwe fa di tshameka ba tlogele go kubetsana.

Rre Watlala o tlhalositse fa tiro e, e tlaa nna ya ngwaga le ngwaga go leka go boloka matshelo.

Mongwe wa banana ba ba abang madi go tswa kwa Pledge 25 Club, Rre Leatile Baiphetlhi a re maloko ga a gakololwe go aba madi, ba setse ba itse gore morago ga lebaka le le rileng ba tshwanetse go aba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : Serowe

Event : Kopano go aba madi ammele

Date : 09 Jul 2019