Breaking News

Tshwaragano konokono mo ditlhabololong

09 Jul 2019

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia a re tirisanyo mmogo le tshwaragano ya morafe wa ga Ngwaketse ke tsone di thusitseng go fefosa ditlhabololo kwa Kanye.

O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e a neng a laela banni mo go yone, ka a senke a emela ditlhopho monongwaga.

    Rre Ralotsia o lebogetse tirisanyo mmogo ya bogosi jwa ga Ngwaketse le morafe mo dingwageng tse tlhano e le mopalamente wa bone.

A re ke ka moo ba kgonneng dilo di le mmalwa di tshwana le lebala la metshameko, dipone tsa mekgwatha le maobo a dikgotla mo Kanye.

Rre Ralotsia a re ka ngwaga o e le wa ditlhopho, go botlhokwa gore batho ba itlhophele baemedi ba ba tlaa diragatsang dikeletso tsa bone.

 O gakolotse batlhophi go netefatsa fa bo Omang ba bone ba le mo tirisong gore ba kgone go diragatsa tshwanelo ya bone ya go itlhophela baemedi ka letsatsi la ditlhopho.

Ntswa  Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ise a ntshe letsatsi la tlhomamo la ditlhopho, Rre Ralotsia o ne a gakolola banni go ipaakanyetsa kgwedi ya Phalane jaaka go tlwaelesegile e le yone ya ditlhopho tsa setshaba mo Botswana.

O ne gape a ba gakolola go babalela dikarata tsa bone tsa Omang le tsa ikwadisetso ditlhopho, a tlatsa ka go re ke molato gore motho a tshware karata e e seng ya gagwe.

Rre Ralotsia a re ntswa puso e kile ya akanyetsa go dirisa motshine o o tlhophisang wa EVM mo ditlhophong tsa monongwaga, puso e boetse kgang eo morago, ka jalo go tlaa dirisiwa mokgwa o o tlwaelesegileng wa go tshwaya dipampiri.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o boletse gore morago ga ditshekatsheko le dikgakololo, Tautona o ne a tlhalosa fa ngwaga o, go simolola kgwedi eno e tlhola gangwe go fitlhela kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o tlang e le ya leuba.

Ka jalo, a re puso e tsere tshwetso ya go thusa Batswana bangwe ba tshwana le balemi-barui go ba fokoletsa manokonoko a leuba.

A re ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo di tlaa fokodiwa ka masome a mararo le botlhano mo lekgolong fa ba ba adimileng madi a CEDA le banka ya ditlhabololo ba tlaa fokolediwa ka masome a fera bobedi le botlhano mo lekgolong mo ngwageng wa leuba.

 O kopile barekisi ba dijo tsa leruo go diragatsa thulaganyo e, ka jaana maikaelelo e le go fokotsa manokonoko a leuba mo Batswaneng.

E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Kanye ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka lebala la metshameko le le saleng le rerilwe go agwa mo motseng wa bone.

Ba ne ba re go botlhokwa gore baeteledipele ba nne ba tlhalosetsa morafe gore ditlhabololo di tsamaya jang e bile ba lebanywe ke dikgwetlho di fe.

Mopalamente wa pele wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi a re ntswa thulaganyo ya go fokoletsa barui ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e tsile go felela e akolwa ke barekisi go feta bone barui.

A re barui bangwe ba bona go le botoka go oketsa tlhwatlhwa ya go rekisa dikgomo gore barui ba kgothatsege go rekisa bontlha bongwe jwa leruo la bone go rekela tse dingwe dijo.

Mme Mmaserame Bosana o ne a kopa puso le baeteledipele gore ba eme ka dinao go netefatsa gore ba-na-le bogole ba fiwa ditlamelo tse di ba tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jul 2019