Rutang ka tsamaiso ditlhopho
09 Jul 2019
Mogolwane kwa ofising ya tsamaiso ditlhopho kwa Mahalapye Bophirima, Rre Tlhagiso Pilatwe o kgothaditse maloko a komiti e e lomaganyang ofisi ya ditlhopho le setshaba go dira ka natla go anamisa thuto ya go tsamaisa ditlhopho.
A re se se ka fokotsa dikgwetlho tse di lebanyeng batlhophi.
O buile jaana kwa phuthegong ya komiti ya PLC kwa Mahalapye bosheng.
A re go a tshwenya go bona dipalo tsa batho ba ba sa ikwadisang sentle di le kwa godimo.
Rre Pilatwe a re go botlhokwa gore setshaba se nne le kitso e e tletseng ka tsamaiso ditlhopho, ka jalo ba-na-le seabe jaaka komiti ya PLC ba tshwanetse ba dira go utlwala go ruta setshaba.
Mogolwane o ne a re bangwe ba dira jalo ka maikaelelo a go tsietsa, fa bangwe ba tsiediwa ke ba ba itseng.
O ne a supa gore bangwe ba ba neng ba tsiediwa gore ba ikwadise mo mafelong a ba sa nneng mo go one ba feletse ba lemogile maretshwa a a neng a dirwa, mme ba itsise lekgotla la dilthopho gore ba kgone go kwadisiwa sentle.
Rre Pilatwe a re mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima, go ne ga kwadisiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata dikgang di le lekgolo le borobabobedi tsa batho ba ba neng ba belaelwa ba sa sala morago tsamaiso ya go ikwadisetsa ditlhopho.
“Mo dikgannyeng tseo, mongongoregi o ne a fenya tse tharo, a latlhegelwa ke tse di masome mararo le boferabongwe, mme tse di masome marataro le borataro tsa boelwa morago,” ga tlhalosa Rre Pilatwe.
Mo ditshekatshekong tse di dirilweng morago ga dikgato tsotlhe tsa go ikwadisetsa go tlhopha, Rre Pilatwe a re lekgotla la ditlhopho le lemogile gore ka ntlha ya go tlhoka kitso bangwe ba ne ba ikwadisa go feta gangwe, bangwe ba dira jalo morago ga go latlha dikarata, fa bangwe ba ne ba dirisa legato lengwe le lengwe la ikwadiso go ikwadisa.
O ne a supa gore sengwe se se tshwenyang ke dipalo tsa batho ba ba supang ba latlhile dikarata tsa ikwadiso, fa bangwe bone ba ne ba na le ketsaetsego mo ikwadisong ya ditlhopho tsa diphathi le ya ditlhopho tsa setshaba.
Dikgang tsa batho ba ba ikwadiseditseng kwa mafelong a ba sa tshwanelang go tlhophela kwa go one le tsone di tshwentse lekgotla la ditlhopho.
Rre Pilatwe a re sengwe se se tshwenyang setshaba ke go tlhoka go diragatsa ditsholofetso ga mapolotiki.
A re bangwe go lebega ba tshephisa batho magodimo ka maiteko a go kopa gore ba tlhophiwe, mme morago ba palelwe ke go dira tse ba neng ba di solofeditse.
“Bangwe ba supile gore ba bona mapolotiki fela ka nako ya go ikopela tlhopho, mme morago ba tsene ka lenga la seloko, selo se se dirang gore bangwe ba felele ba ngosela go ikwadisetsa go tlhopha.”
Le fa go ntse jalo, Rre Pilatwe o gateletse botlhokwa jwa go tlhopha mo pusong ya batho ka batho.
O rotloeditse ba ba ikwadisitseng go tswelela ba okamela bukana ya maina a batlhophi go senola diphoso tse di ka tswang di diragetse go sale nako.
O ne a supa gore ba ba eletsang go fuduga kwa mafelong a ba neng ba ikwadiseditse kwa go one ba a letlelesega go dira jalo.
A re tlhopho e fudusiwa ka mabaka a a kgethegileng e bile a utlwala.
E rile a tsibogela mafoko ao, mongwe wa maloko a lekgotla la PLC, Rre Mogalakwe Mogalakwe o ne a supa gore o tshwentswe ke gore ditlhopho di tsamaisiwa ke bodiredi jwa puso mo mafelong a ba berekelang mo go one.
A re bodiredi jo bo nang le lebaka bo berekela mo lefelong le le lengwe bo setse bo dirile botsalano le bangwe mo motseng, ka jalo ba felela ba tsenya dilabe mo tsamaisong ya ditlhopho ka go tsaya letlhakore.
“Re bonye go diragala mo ditlhophong tse di fetileng, go nnela ruri mo lefelong, go dira gore motho a nne le dikgatlhego, ka jalo a feleletse kgoreletsa tsamaiso e e nang le boammaaruri,” ga tlhalosa Rre Mogalakwe.
Maloko a komiti ya PLC a ne a dumalana le mogopolo wa ga Rre Mogalakwe, ka jalo ba kopa lekgotla la ditlhopho gore badirelapuso ba ba tlaa rongwang go tsamaisa ditlhopho ba seka ba bewa mo mafelong a ba direlang mo go one, ba hudusediwe kwa mafelong a sele gore ba seka ba itshunya nko mo tsamaisong ya ditlhopho.
Maloko a PLC a supile gape fa go se thona gore lekgotla la ditlhopho le dirise batho ba e seng badirelapuso go tsamaisa ditlhopho.
Ba tlhalositse gore fela jaakaka nako ya ikwadiso, go hirwa batho go lebeletswe bokgoni jwa bone, lekgotla la IEC le ka dira jalo le ka nako ya ditlhopho.
Rre Senalebeng Mokgosi a re lefatshe la Botswana le na le palo e ntsi ya banana ba ba nang le dikitso tse di farologanyeng mme ba sa bereke, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba fiwe sebaka sa go oba letsogo.
Rre Mokgosi a re le fa tsamaiso ya ditlhopho e le turu, go botlhokwa gore e fiwe ditsompelo tse di lekanyeng ka gore go a bo go tlhophiwa batho ba ba fiwang boikarabelo jwa go busa lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 09 Jul 2019