Diphetogo di nosetsa katlego
08 Jul 2019
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re diphetogo tse di tlaa dirwang mo tshekatshekong ya mananeo a ditlhabololo di tlaa itebaganya le tswelelopele.
Dr Masisi o buile se a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye Phukwi a tlhola malatsi a matlhano.
A re go botlhokwa gore diphetogo tseo di tsamaelane le tebelopele ya setshaba ya 2036.
A re o tshwenngwa ke gore le fa puso e tsweletse ka go loga maano a go godisa itsholelo le go rotloetsa Batswana ka bongwe ka bongwe go itlhotlhora lehuma, go lebega maiteko a o a sa tswe dipe.
Tautona Masisi a re katlego ya mananeo a puso, go godisa le go tswakanya itsholelo go tlhoka seabe se sa Batswana, a tlatsa ka gore kgang kgolo ke, “Re ya kae le gore re fa kae mo nakong eno”.
O supile gore Botswana a tswa kgakala le go ipelega.
A re le fa lefatshe le simolotse mo lefatlhakgoheng, le tsweletse ka go itlhotlhora lehuma.
Le fa go ntse jalo, Tautona Masisi a re o tshwenngwa ke go bona seabe sa mohama wa temothuo se tsweletse ka go wela tlase.
O supile gape gore le fa palo ya Batswana ba ba amuleng thuto e nametsa, maduo kwa dikolong one a tsweletse ka go wela tlase.
“Dikgwetlho tse dingwe di akaretsa leuba, HIV/AIDS le kgotholo e tona,” ga gatelela tautona, mme a rotloetsa morafe wa Mahalapye le Batswana ka kakaretso go loga maano a go ikapola dikgwetlho tseo.
A re le fa puso e na le mananeo aa thusang Batswana ka madi le go dira dikgwebo, mananeo ao ga a kake a tswa dipe fa a sa dirisiwe sentle.
A re go botlhokwa gore motho a ikopele lenaneo le a dumelang gore o na le bokgoni mo go lone, gore a kgone go atlega le go busa madi a adimilweng gore a tswelele a thusa ba bangwe.
“Mo nakong eno, madi a puso a tsena ka motlhobodika ka gore ga le kgone go ntsha maduo,” ga tlhalosa Dr Masisi.
Go lemoga seemo se, a re mo tshekatshekong ya mananeo a ditlhabololo gore a tsamaelane le maikaelelo a tebelopele ya setshaba, go tlaa dirwa diphetogo tse di tlaa godisang mowa wa bogwebi mo Batswaneng.
Tautona Masisi a re puso e tlaa dira ka natla go tlhofofatsa tsamaiso ya go simolodisa kgwebo le go abelwa setsha kana lefelo la kgwebo.
A re sengwe se se tsweletseng se dirwa mme se solofetswe go wela ka kgwedi ya Moranang mo ngwageng oo tlang, ke go kgaoganya lephata la peeletso, papadi le madirelo go nna maphata a le mabedi.
Tautona Masisi o supile gape gore maranyane le ditlhaeletsano di botlhokwa thata mo go tlhofofatseng ditirelo tsa go simolodisa dikgwebo, ka jalo lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano le lone le tla kgaoganngwa gabedi.
O tsweletse a gatelela botlhokwa jwa go fokotsa madiadia a leng teng mo tsamaisong ya go neela setshaba ditirelo tsa puso.
Tautona Masisi o gakolotse banni ba Mahalapye go lemoga le go amogela gore puso ga e kake ya dira sengwe le sengwe, a re boikarabelo jwa go nonotsha itsholelo bo mo diatleng tsa Batswana.
Tautona a re le fa puso e na le mananeo aa rotloetsang Batswana go tsena mo dikgwebong, o rotloeditse ba ba nang le itsholelo go dirisa madi le dithoto tsa bone go tsena mo dikgwebong tse di ka thusang go lwantsha letlhoko la ditiro, lehuma le gone go tswakanya le go godisa itsholelo.
O tladitse ka gore maikaelelo a puso ke go bona mongwe le mongwe a dira ka natla, le go bona beng gae ba eteletse pele dikgwebo tse di nonofileng, di na le boleng.
Tautona Masisi o latotse magatwe a buegang a gore puso e na le maikaelelo a go emisa lenaneo la Ipelegeng le la dikatso tsa bagodi a re mafoko ao ga se boamaruri.
Tautona o ne e a abela banni ba motse wa Mahalapye dikobo di le 400. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jul 2019