Breaking News

Ba kgothadiwa go kgaratlhela go jesa lefatshe

08 Jul 2019

Balemi ba kgaolo potlana ya Palapye ba ne ba tshwere ditshupo kwa masimong a Lemone bosheng.

Molemi oo tumileng kwa kgaolong ya Tonota botlhaba, ebile e le leloko la lekgotla la balemi la  DIKAGO, Mme Oneilwe Mmolawa o ne a bolelela kokoano eo fa nako e tsile gore balemi ba itse se se tlhokwang go ntsha dijo go jesa lefatshe leno. 

Mme Mmolawa o rotloeditse balemi gore fa pula e phaila, ba seka ba emela puso go ba fa dipeo, mme ba dirise peo tsa bone, puso e batseye tema e fitlhela le bone baikemetse ka dinao.

O ne a ba kgothatsa go nna tlhaga, boineelo le lerato mo temong, selo se a reng se ka sekgonagala fela fa batshwaragane le go abelana maele a temo.

A re go mo maruding a balemi go ikgodisa le go bopa makgotla a balemi a a nang le lentswe le le ka reediwang le ke bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi.

Mme Mmolawa a re ka lekgotla la balemi le le nonofileng, ba ka bona dithuso gotswa mo makalaneng a a ikemetseng go imolola puso morwalo. 

O ne a kopa balemi go babalela ditswa temong jaaka letlhaka, gore e re ka nako ya leuba, bakgone go jesa leruo.

O ne a ba ba kgothatsa go re ba seka ba tsenya dikgomo mo masimong ba re ba dijesa letlhaka ka seo se ka batsisetsa mehero le diji tse ditlang ka leruo.

A re go botlhokwa gore molemi a itse dijalo tse ditsamaelanang le mmu le monontshane o a o tsenyang mo tshimong ka nako tsotlhe. 

Mme Mmolawa o ne a galaletsa balemi ba masimo a Lemone a re ba na le tebelopele ka ba lema dijalo balebeletse mmu wa masimo a bone.

O ne gape a re lenaneo la Ipelegeng kwa masimo le diya balemi go inaakanya le temo ba tsentse marapo mo dinameng. 

A re puso e sekaseke ditlhwatlhwa tsa Botswana Marketing Board ka di le kwa tlase selo se a boletseng se ka kgoba balemi marapo.

A re balemi ba tshwanetse go letlelelwa go ipatela mebaraka kwa baka rekisang dijalo tsa bone teng, gore ba kgone go phadisanela mebaraka le ba ba bangwe. 

O ne gape a abela Mme Keakabetse Phalayagae peo ya kofi e a e lemang kwa masimong a gagwe.

E rile a lekodisa ka tsa temo, modulasetilo wa lekgotla la balemi ba kgaolwana potlana ya Palapye Rre Gagoitsiwe Johannes, a supa fa kwa Lemone batshwaragane mo e bileng ba kgona gotsaya mebu ya masimo a leotla leo go a isa kwa matlhatlhobelong a mebu kwa Gaborone. 

A re go dira jalo ba fokoletsa balemi ditshenyegelo le gone go bafa sebaka sa go tsaya ditshwetso tse di maleba mabedi le se mmu wa bone o setlhokang. 

Rre Johannes a re masimo a bone a tshwenngwa ke bojang jo gotweng Mmabasete, mme a supa gape fa  ba itepatepantse le leruo le le jelang batho masimo lesa tlhatlhalwe.

A re sengwe gape se komiti e se dirang ke go ruta balemi ka mosola wa didirisiwa tsa temo le gone go ba balela thobo.

Mogolwane wa balemisi ba kgaolo potlana ya Palapye, Mme Phalayagae a re ditshupo potlana tse ke matlhagola tsela a ditshupo tsa setshaba tse ditlang.

A re kgaolwana eo e ne ya thulanya ditlhogo gore ba seka ba tlhaelwa ke go supa ditswa temo tsa bone ka badikile ba bonye ka tlatlana.

Mokhanselera wa kgaolwana ya Mmalekokopu, Rre Omphemetse Kgotlaetsile o ne a kgothatsa balemi go inaakanya le metlhala ya se gompieno go lemela go jesa lefatshe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Ditshupo

Date : 08 Jul 2019