Breaking News

O akgola kereke ya Saint Paul Apostolic

07 Jul 2019

Mothusa mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Ofentse Modise o akgoletse kereke ya Saint Paul Apostolic Faith Mission of Botswana go bo e sa remelela fela mo go rudiseng mewa ya batho mme ba kgathala ka ba ba bapileng le bone. 

Mme Modise o ne a bua jalo bosheng kwa Maunatlala kwa a neng a rolela Mme Rebecca Mphathane ntlo ya borobalo le ntlwana ya boitiketso tse a di agetsweng ke ba kereke eo gone kwa Maunatlala. 

Mme Modise a re puso e ne ya kopa Batswana go tshwaraganela le yone go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane ka e ka seka ya kgona e le nosi mme ba kereke eo e nnile bangwe ba ba tsibogetseng mokgosi oo.

A re mowa o wa bopelotlhomogi o bonwa mo nngweng ya matshego a tebelopele ya 2036 e e buang ka tlhabololo ya motho le tikologo ya gagwe.

A re ba kereke ya  Saint Paul Apostolic Faith Mission ba supile fa ba itlamile gore ga ba kake ba tlogela mong ka bone a wela mo isong mme ba ntsha P143 783 a tswa mo dipateng tsa bone go mo agela ntlo ya dikamore di le tharo le ntlwana ya boitiketso mme ba kopa ba Water Utilities Corporation go mo tsenyetsa metsi.

Mme Modise o ne a galaletsa ba kereke eo go bo ba dirile tiro e ntle fa pele ga batho le fa pele ga Modimo.

O ne a ikuela mo malokong a kereke eo go rapelela lefatshe leno gore le tshegetse ditsamaiso  tse le ntseng le di tshegeditse mme le tswelele le di tshegeditse gore tshaba ya lefatshe leno e nne mmogo ka kagiso.

Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a bolela fa kereke ya Saint Paul Apostolic Faith Mission e dirile go le gontsi e bile e le nngwe ya dikereke tse dikgologolo kwa motseng oo.

A re tiro e ba e diretseng Mme Mphathane e a gakgamatsa ka bone kwa setsheng sa bone ba ise ba ikagele fa ba obamelang teng mme ba agela mongwe ka bone bonno. 

A re lerato la balatedi ba kereke eo le a bonala gore ba na le boModimo mme ba tlaa tswelela ba segofadiwa. 

A re maloko a kereke eo a tlaa segofadiwa ka letsogo le le fang e le lone le le segofadiwang go na le le amogelang.

Fa a itebaganya le ba lelwapa la ga Mme Mphathane o ne a bolela fa ba tshwanelwa ke go mo fa sebaka sa go dirisa ntlo ya gagwe a sa kgopakgopediwe ke ope. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Kabo ya dikago

Date : 07 Jul 2019