Badiri ba banka ya Standard Chartered ba aba paka ya mariga
07 Jul 2019
Badiri ba Banka ya Standard Chartered kwa Maun e rile bosheng ba abela baithuti bangwe ba ba tlhokileng lesego ba sekole se sebotlana sa Moremi paka ya mariga.
Fa a amogela dimpho tseo, mogokgo, Mme Ngonda Setlhare o ne a leboga badiri ba banka go thusa bana bao ka paka, a re e tlaa ba rotloetsa go dira sentle mo dithutong tsa bone.
A re go thusa bana ke go thusa lefatshe, ka gore bana bao ba ya go gola ba bo ba nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe.
Mme Setlhare o supile fa sekole sa Moremi se na le bana ba le 902, mme mo go bone go na le ba ba tswang mo malwapeng a a tlhokileng lesego.
O bile gape a re sekole seo se na le bana ba le 102 ba dithuto tsa ba-na-le bogole le ditlhopha tse tharo tsa baithuti ba matlhagolela tsela.
Mme Setlhare o ne a re sekole seo se ka kgona go ntsha maduo a a itumedisang fela ka kemonokeng ya ba-na-le seabe, batsadi le tshwaragano ya barutabana le baithuti.
Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana Mme Tracy Ntemanyane o ne a leboga badiri ba Banka ya Standard Chartered, a re ‘go sego letsogo le le abang,...’ ka jalo a re Modimo o tlaa ba segofatsa.
Fa a ba kgwa kgaba, Mookamedi wa banka ya Standard Chartered kwa Maun, Rre Ikageng Robert o ne a tlhalosa fa dithuso tseo di tswa mo dipateng tsa badiri ba banka eo, a tlatsa ka go re ba tlaa tswelela ba thusa sekole seo.
Bana bao ba abetswe ditlhako, dikausu, tracksuits le paka ya metshameko. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jul 2019